Breaking News

Botsogo bo siametse katlego ya lefatshe

03 Dec 2014

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli a re go tlhoka go tsoga sentle ga ngwana ke seemo se se ka bayang lefatshe ka fa mosing ka go ka dira gore lefatshe le tlhoke baeteledipele mo isagong.

Mo moletlong wa go rotloetsa kgodiso e e siameng ya ngwana kwa Molepolole bosheng,  Dr Mmatli o boletse fa go le botlhokwa go lemoga gore tswelelopele ya lefatshe e mo maruding a batho ba ba rutegileng ba na le ditalente e bile ba ipaakanyeditse go iteisana borathana le ba bangwe.

Dr Mmatli a re le fa go ntse jalo go maleba go lemoga gore bana ba ba sa fiwang dijo sentle, ba ithuta ka bonya e bile ga ba dire sentle mo ditlhatlhobong jaaka balekane ba bone. 

O tsweletse ka gore bana ba ba godisitsweng sentle ba nna ba itekanetse , ba ntsha maduo a a itumedisang e bile ba kgona go ithuta motlhofo.

Mo ntlheng e nngwe, Rre Mmatli a re go tlhoka go fepa ngwana sentle ke seemo se se ngomolang pelo ka gore se fokotsa selekanyo se motho a ntshang maduo ka sone e bile se tlisa lehuma. 

A re go tlhoka go ja sentle ga ngwana go ka dira gore a tshele botshelo jwa gagwe jotlhe ka malwetse, lehuma le go tlhoka tekatekano jalo a gatelela gore tshenyo e e tlisiwang ke go tlhoka go ja sentle ga ngwana mo dingwageng tsa gagwe tse pedi a sena go tsholwa ga e na poelo morago.

A re o swabisiwa ke gore go na le batsadi ba ba ikgatholosang bana, bangwe ba a ba kgokgontsha fa bangwe ba sena botsipa jo bo lekaneng jwa go godisa bana ka jalo a gwetlha batsadi, masika, baagisanyi, baruti le setshaba ka kakaretso go tshwaraganela kgodiso ya bana ba lebile thata maduo a bana ba ka tsogang ba a ntsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE­

Event : Moletlo

Date : 03 Dec 2014