Breaking News

Go tsena diphuthego go na le mosola

03 Dec 2014

Mokwaledi wa khansele ya toropo ya Jwaneng Rre Dick Kalantle a re o tshwenngwa ke batsaya karolo ba ba sa tseneng diphuthego le ntswa di ba tlhoka.

E rile a bua mo phuthegong ya go dira ditogamaano tsa toropo eo bosheng, Rre Kalantle a kgala fela thata mokgwa wa makhanselara mangwe le morafe wa go tsena diphuthego tsa mofuta o ka boutsana ka a re go ka nna le ditlamorago tse di sa siamang mo ditlhabololong tsa toropo go ya pele. 

A re mokgwa o o rontsha setshaba sa Jwaneng megopolo mengwe e mentle e e kabong e bewa batho pele e bo e buisanngwa. A re ka makhanselara ka bontsi ba sa tsena phuthego eo, go tlaa feleletsa go dira gore boeteledipele jwa bodirela puso e nne jone bo tsayang ditshwetso bo le nosi ntle le jwa sepolotiki.

Rre Kalantle o boletse fa puso e bone go tshwanela gore ditogamaano tsa dikgaolo di dirwe go tswa kwa moding ka jaana morafe e le one o itseng dikgwetlho tsa one tsa malatsi otlhe. 

A re e re ntswa puso e sa laolele dikgaolo gore di dira mananeo a tsone a ditlhabololo jang go na le dintlha dingwe tse di supilweng e le tsone dikgwetlho tse ditona lefatshe ka bophara mme e bile go le botlhokwa go dira ditlhabololo tse di tsamaelanang le tsone.

A re dikgang di tshwana le tsa itsholelo le pereko, go tokafatsa matshelo a selegae, tsamaiso, tshireletsego le pabalesego gammogo le tikologo ya sennelaruri ke dingwe tsa dintlha tsa boremelelo fa go dirwa ditogamaano. 

O tlhalositse gore ditlhabololo tse go tlaa dumalanwang ka tsone ga se gore di setse di ntsheditswe madi, fela ke gore di tlhalosiwe le ditlhwatlhwa tsa tsone ke gone go bo go fetisediwa kwa pusong go ya go seka-sekwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego

Date : 03 Dec 2014