Poso e tlaa simolodisa ditempe tsa dikano tsa ditlhare tsa mo gae
03 Dec 2014
Lephata la tikologo, diphologolo le bojanala le tshwaragane le ba Poso le tlaa dira ditempe di le nne go supa dikano tsa ditlhare tse di kgethegileng tse di tlholegang mo lefatsheng leno.
E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la temo ya ditlhare kwa Boatlaname bosheng, tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele a re e rile Mopitlo monongwaga, puso ya bolela fa setlhare sa morula se kgethilwe go nna setlhare sa setshaba, sengaparile go nna sethunya sa setshaba fa motshikiri one e le bojang jwa setshaba.
Tona a re se ke maiteko a go lemoga botlhokwa le boleng jwa ditlhare tse mo matshelong a Batswana go lebeletswe ngwao, ditso, tikologo, selegae le itsholelo.
O boletse gape gore tiriso ya ditempe tse e tlaa dira go le gontsi mo kanamisong ya molaetsa ka ditlhare tsa lefatshe leno. A re go solofetswe gore ditempe tse di tsene mo tirisong mo kgweding tse thataro tse di tlang.
Fa a rola molaetsa wa letsatsi, Rre Maele o tsibositse setshaba ka kakaretso gore ditlhare tsa tlholego di ka nna teng fa go ka nna ditsela le mananeo a a tiileng a go dirisa dikgwa ka tshomarelo. Ditsela tse, o kaile fa di akaretsa tshomarelo dikgwa mo melelong ya naga, diji, malwetse le tiriso botlhaswa ya tsone.
Mo go direng se, tona a re lephata la tikologo, diphologolo le bojanala le dirile ditumelano le lefatshe la Australia, ka lekalana la New South Wales Rural Fire Brigade go dira ithutuntsho mo tshomarelong ya melelo.
O boletse gore go tswa ka Mopitlo go tsena Seetebosigo monongwaga,go setse go rutilwe batho ba le masome a supa le bosupa mo metseng e e farologaneng le badirelapuso ba le lekgolo, lesome le bosupa ka tiriso melelo e e siameng.
O tsweletse ka gore lephata le gape le itshwaragantse le German International Cooperation go batla ditsela tsa go dira le go kanoka diphetogo mo dikgweng. A re se se tlaa neela lephata sebaka sa go lebelela maemo a dikgwa kgapetsakgapetsa go kaela tshomarelo le tlhokomelo ya tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Letsatsi la go ipelela temo ya ditlhare
Date : 03 Dec 2014