Emisang go bipa mpa ka mabele - mogokgo
03 Dec 2014
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Makolo Mme Dimpho Lefhoko a re o ‘bête se molangwana mabapi le batsadi ba ba bipang dikgang le ditiro tse di maswe tse di dirwang ke bana ba bone ba sa ba ise kwa go ba molao go ba otlhaya.
Mme Lefhoko o buile se bosheng kwa phuthegong ya batsadi le barutabana a tlhalosa fa a ngongoregisiwa fela thata ke batsadi ba ba sa begeng bana ba bone kwa go ba molao ntswa ba dira ditiro fela tse di maswe e bile ba kgokgontsha bana ba bangwe mo sekoleng, ka a re fa ba bipa dikgang tsa mofuta o, ba rotloetsa bobaba.
A re ke makgetho a le mantsi batsadi ba tla mo sekoleng ka dikgang tse di farologaneng tsa kgokgontsho ya bana kwa malwapeng e ba reng e dirwa ke batho fela ba ba tona.
O tlhalositse fa e ne ya re bosheng batsadi bangwe ba bolela fa bana ba bone ba tlhorontshiwa ke segopa sengwe sa basimanyana se se ba emelang mo tseleng ba bo ba ba keteka fa ba tswa sekolong.
A re o utlwisiwa botlhoko fela thata ke gore batsadi ba retelelwa ke go isa dikgang tsa mofuta o kwa mapodiseng mme ba di tsisa mo sekolong fa ba bangwe ba di bipa.
A re batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao gore dilalome tse di tseelwe dikgato fela tse di maleba ka jaana matshelo a bana ba sekolo a mo diphatseng e bile a kaya fa bangwe ba batsadi ba setse ba akanya go fudusa bana ba bone ka ba re bana ba bone ba mo diphatseng.
Mme Lefhoko o tlhalositse gore seemo se, fa se ka tswelela le barutabana tota ba tsile go tshaba mo sekolong ka jaanong dilalome tse, di tloga di ba tsenelela mo sekolong.
O kopile batsadi go isa dikgang tse kwa go ba bogosi le mapodise gore ba laole seemo se.
A re ga a kitla a letlelela bana ba maitsholo a makgaphila a go tsena mo sekolong ka jalo o kopile batsadi go ema ka dinao go ikopanya go tsaya kgato ka bonako go netefatsa gore matshelo a bana ba bone ga a mo diphatseng gore maitsholo a, a fedisiwe.
Re santse re le foo, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Keaobaka Amosele o gakolotse batsadi go ruta bana ba bone ngwao, a re jaaka dikolo di tswetswe jaana ba leke go ba ruta ditiro tsa Setswana ka go le botlhokwa fela thata gore ba bone botshelo dintlha tsotlhe e bile go ka ba tlhofofaletsa dilo dingwe tse o fitlhelang ba rutwa ka tsone ba sa di itse ka ba tlaa bo jaanong ba di itse.
O gakolotse batsadi go tsamaya le bana kwa kerekeng ka malatsi a keresemose gore ba ithute gole gontsi ka lefoko la Modimo gonne a re bana ba ba golelang mo kerekeng ba itse pharologanyo fa gare ga molemo le bosula ka jalo o fitlhela ba na le maitsholo a amogelesegang mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya sekolo
Date : 03 Dec 2014