Breaking News

Thuto boswa e tlhoka go nosediwa

03 Dec 2014

Mogolwane wa thuto wa kgaolo ya Legare Mme Molebi Morolong o galaleditse batsadi ba Moiyabana go bo ba bone go tshwanela go simolodisa bana ba bone ithutuntsho ya dibeke tse thataro pele ba ka simolola lekwalo la ntlha.

Mme Morolong o buile jalo kwa motseng oo mo moletlong wa kaloso ya bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha kwa sekoleng se sebotlana sa Moiyabana, a tlhalosa fa go itumedisa go bona batsadi ba eme ka dinao gore bana ba bone ba bone thuto pele ba ka simolola sekolo gonne seo ke one modi o o tiileng.

O tsweletse a re ngwana o tlhokana le motheo o o nonofileng mo dithutong gore fa a setse a ya go bala lekwalo la ntlha a bo a setse a bulegile tlhaloganyo ya tse di solofetsweng kwa sekoleng. 

Mme Morolong a re gape go monate thata go bona batsadi ba eme lenaneo le kwa pele, a tlhalosa gore bana ba bona bomosola jwa thuto fa batsadi ba ba rotloetsa.

A re batsadi ka bontsi ga ba kgone go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana ka jalo puso e simolodisa lenaneo le a reng le supa fa le tla a nna le maduo ka batsadi le bana ba le ratile fela thata. 

Mme Morolong o kopile batsadi gore jaaka ba simolotse go supa kgatlhego mo thutong ya bana ba bone jaana ba tshwanetse le bone ba tsaya sebaka ba ruta bana botho, bophepa le maitseo ba sa le bannye. 

A re go mo batsading go bona gore ba ema barutabana nokeng gore le bone ba tswelele sentle mo go ruteng bana ba bone.

A re go a itumedisa go bona dikgosi tsa motse di tsene moletlo oo ka makatla namane, selo se se supang fa le bone ba tshwaraganetse thuto le batsadi. 

A re dikgosi ke tsone tse di ka rotloetsang morafe go itshwaraganya le thuto ya bana ba bone ka ba tshela le bone kwa magaeng. 

Mme Morolong o lebogile barutabana ba sekole sa Moiyabana a bo a ba kopa go ruta bana ka fa go tshwanetseng gore ba tshwarele ruri ba sale bannye. 

Mme Morolong o kopile mogokgo wa sekole go bulela batsadi dikgoro gore ba nne le seabe mo dithutong tsa bana ba bone.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo Mme Caroline Tsopane o tlhalositse fa ba kgonne go dira moletlo oo ka thotloetso ya batsadi ka ba ne ba seka ba ipona tsapa go tsena mo sekoleng go bona gore bana ba bone ba akola dithuto jang. O tlhalositse gore ba solofela fa maduo a sekolo a tla a tokafala ka batsadi ba tshwaragane le barutabana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Moletlo wa kaloso

Date : 03 Dec 2014