Tlolela e tswetse masimo kwa Omaweneno
03 Dec 2014
Balemi ba motse wa Omaweneno ba kopa puso go tla ka methale e e ka ba thusang go lwantsha bojang jwa tlolela jo bo ba itsang go tsena mo masimong a bone.
Fa ba tlhalosa mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mosekaseki go tsweng kwa go ba Botswana Institute For Technology Research and Innovation (BTRI) Mme Sinah Kgosietsile, Rre Batanka Simane a re bojang jo, bo ba tswaletse masimo mo ba sa tlholeng ba lema.
Rre Simane a re bojang jo bangwe ba bo bitsa makunda ka go na le pelaelo ya gore bo tlhaga kwa motseng oo. A re tlolela kana tlope jaaka bangwe ba bo bitsa e kotsi fela thata ka e nale mmitlwa o o tlhabang e bile o ntsha dintho.
Rre Simane a re tota ga ba itse leina la bojang jo ka bo le bosha go goroga mo motseng wa bone ka jalo ba bo bitsa tlolela ka mmitlwa wa jone o tlolela sepe se se gaufi le jone. Rre Simane a re botala ja bojang jo fa bo santse bo le bonnye bo ka for a motho ka bo le bontle fela thata mme fela fa bo gola bo fetoga sera.
O tsweletse ka gore fa motho a ka seka a bo lwantsha bo santse bo le bonnye ga a kake a tlhola a bo kgona. A re ba lekile go bo tlhagola le gone go bo tshuba tota mme e kare ba a bo gakatsa.
O boletse fa go setse go na le dipego tsa bangwe ba ba setseng ba latlhegetswe ke pono ka ntlha ya go tlhabiwa ke mmitlwa wa jone.
Rre Boiki Mokoloku o kopile ba ba dirisang diharaka go kgobokanya bojang jo go emisa seo ka se se ka dira gore bo ba tlolela bo ba tsene mo matlhong.
A re go lwantsha sera se ke fela fa motho a ka inaakanya go bo tlhagola bo ise bo ntshe mmitlwa.
O tsweletse a re ba tshwenngwa ke letlhoko la diterekere mo kgaolong ya bone ka ba na le raterekere a le mongwe fela mo motseng wa bone mme o tshwanelwa ke go lemela motse wa Omaweneno le e e mabapi. A re ba lephata la temo thuo ba sale ba ba solofeditse gore ba tla thusiwa ka diterekere go ba lemela mme nako kgolo ke eno.
Rre Mokoloku are matshwenyego a matona ke gore leuba la ngwaga o o fetileng le dikile le ba tlhotlhorile ditonki tsotlhe tse ba ntseng ba di ikantse mo temong le fa le tsone di ka seke tsa kgona go emelana le seemo sa bojang jwa tlolela.
Rre Mokoloku a re le ntswa puso e ba rotloetsa go lema ka ditselana go tlhoka dipolantere go dira gore ba felele ba tlhomela dipeo ka diatla mme bokgola bo felele bo tsamaya ba ise ba fetse ka ntlha ya gore go tlhomela ka diatla go bonya mme e bile mmu wa kgaolo ya bone o latlha bokgola ka bonako.
Kgosana Jacob Kapeko a re lenaneo la ISPAAD le le thusang Batswana ka kagelelo ya masimo le a ba imela go le dirisa ka jalo o fitlhela masimo a sa agelelwa ka bontsi mme se se bake dikgotlhang fa gare ga beng ba masimo le barui.
Fa a ntsha la gagwe, mosekaseki go tsweng kwa BTRI Mme Sinah Kgosietsile a re ke gone a utlwang ka bojang jo mme fela o tla a bo tsaya go bo isa kwa go ba ba maleba go sekaseka gore bo ka tswa bo tswa kae le gore go ka dirwa eng gore bo lwantshiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Gabankalafe
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Dec 2014