Breaking News

Lebelo la Borra-Dikepe di tshwenya kgosana

03 Dec 2014

Kgosana wa motsana wa Jao Rre John Xhokhwe o gwetlhile puso go dira molao o o laolang motsamao wa dipalamo tsa mo metsing go tila go taboga ka lebelo le le feteletseng.

E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Kgosi Xhokhwe a tlhalosa gore mo nakong eno, bakgweetsi ba dikepe ba taboga ka lebelo le le feteletseng ka ntlha ya gore ga gona molao o o ba laolang mo go felelang go baka dikotsi mo metsing.

A re bakgweetsi bangwe, bogolo jang banana ba rata go tsaya maeto kwa metseng ya Seronga, Etsha le Maun ka malatsi a keresemose ba dirisa mekoro mme ba tsamaye ka lebelo le le kwa godimo. Kgosi Xhokhwe a re nako e tsile ya gore puso e dire molao jaaka go diragala ka molao o o laolang metsamao ya dikoloi go itsa batho go kgweetsa ka bofafalele mo metsing le go ba tseela dikgato tse di maleba. 

O tsweletse a re o ipotsa gore fa mokgweetsi a bakile kotsi mo metsing o sekisiwa ka molao ofe ka go sena molao o o itebagantseng le mofuta oo wa dikotsi.

Mogolwane mo lephateng la metsi kwa Gumare, Rre Baemedi Letsholathebe o rurifaditse gore ga gona molao ope o o laolang dipalamo tsa metsi go akarediwa dikepe le mekoro le gone bakgweetsi ba tsone ga ba na diteseletso tsa go kgweetsa fa e se go dirisa ditlankana tsa dikompone tsa bone fela. 

Kgosi Xhokhwe o kopile puso go baya matshwao mo tseleng ya Seronga le Jao go kaela batho ba ba etelang kwa motsaneng oo tsela ya go ya teng. 

O boletse gore ka ntata ya go tlhoka matshwao a a kaelang batho tsela, batho bangwe go akarediwa bajanala ba a timela fa ba leka go ya kwa motsaneng oo. 

A re seno se a tshwenya ka gore banni ba motse wa Jao ba santse ba tsaya maeto go ya mafelong a tshwana le Maun ka jalo kgonagalo ya gore ba timele e kwa godimo ka go sena matshwao a a ba kaelang tsela. A re ka jalo go a tshwanela gore go dirwe sekao jaaka go pega sengwe mo ditlhareng tse di mo tseleng eo go kaela batho gore le bone ba seka ba  etsaetsega.

Mo go tse dingwe, Kgosi Xhokhwe o akgoletse morafe wa gagwe go sa inaakanyeng le ditiro tsa borukhutlhi ka go rena kagiso le thokgamo mo go one. 

A re ga gona dibara le dipoto mme go nowa khadi mo malwapeng le gone ka dinako tse di laolesegeng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Xhokhwe o tlhalositse fa bogogi jwa motsana bo leka go tsibosa morafe ka bodiphatsa jwa go itontela nno phetelela bogolo jang fa ba kgweetsa mekoro go tila dikotsi.

E re dikgang di eme jalo, kgosana wa motsana wa Gudigwa, Rre Divire Ndando a re ba tshwenngwa ke ditau tse di gobeyang mo motsaneng wa bone. A re e re ka pula e le gone e simololang go na, diphologolo tse di ntseng di nna mo nokeng go itimola mogote di akaretsa ditau, dinare le ditlou jaanong di gobeya mo motseng mme seo se paledisa barui go ya go batla leruo la bone, selo se se ba tshosang gore ditau di tsile go felela di tlhasela leruo la bone ka ba sa kgone go le tlhatlhela.

Legale a re ba ikaelela go itsise ba lephata la diphologolo gore ba tle go leka go di tshosa kgotsa go di koba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 03 Dec 2014