Ba Boteti ba re dituelo di a diega
03 Dec 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba ngongoregela tiego ya dituelo tsa beng ba leruo ba ba rekisetsang lenaneo la LIMID le la nyeletso lehuma.
Ba buile seo kwa khanseleng ya kgaolo potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng, ba tlhalosa gore tiego ya dituelo tse e baka gore jaanong beng ba leruo ba gane go rekisetsa puso. Ba re ka go lebega lenaneo le le dirisiwang mo nakong eno la go duela le le bonya ba kopa gore batho ba duelwe ka dicheke.
Ba tsweletse ba re ba tshwenngwa ke go phutlhama ga kgwebo tsa batho ba ba tsereng mananeo a puso mme ba bolela fa go dirwa ke mabaka a akaretsang go tlhoka mebaraka ,metsi ,go diega ga melemo ya leruo, tlhaele ya kitso mo go ba ba thusitsweng le go tlhoka go sala morago mananeo ga babereki.
Makhanselara ba kopile lephata la tsadiso ya leruo gore ba tshwaragane le ba matlhoko a leruo gore ba tle ba kgone go fefosa tiro ya bone.
Ba tsweletse ba supa fa lenaneo la kgwediso ka diatla le sa solegele barui ba ba botlana molemo ka go le turu mo go bone go isa dikgomo gonne ba tshwanelwa ke go di ikisetsa kwa kwarantining kwa Makoba.
Ba boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dikgomo tsa masi le bontshe a tshwanetswe go tlhoafalelwa ka jaana a ka thusa Batswana fela thata.
Fa a baya pele makhanselara pego ya lephata la gagwe, mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo, Rre Bueno Mokhutshwane o supile fa ba na le kgwetlho ya tiego ya dituelo tsa ba ba rekisitseng leruo mo go bakang gore baikopedi ba tseye sebaka se se leele go bona thuso.
O tlhalositse fa ba tlhaelelwa ke babereki ka jaana motho a le mongwe mo lekalaneng a lebagane le go thusa kgaolo ya Boteti yotlhe fa makalana a mangwe a sena batho gotlhelele. A re mogodimo ga moo ba na le letlhoko la dikoloi ka jaana mo nakong eno ba na le dikoloi di le pedi fela tse ba di dirisang go thusa kgaolo yotlhe ya Boteti.
Rre Mokhutshwane a re lebaka le lengwe le le ba tshwenyang ke go tlhoka go itlama ga batho ba ba thusitsweng ka mananeo ka ba a latlhelela ga ba tlhokomele leruo mme e bile fa gongwe ba re le timetse kana le sule.
O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke go tlhabolola mananeo a tshwana le la go suga matlalo mme ba dira jalo ka go rutuntsha setshaba ka kitso e e tseneletseng ya tiriso ya matlalo. O tsweletse a re gape ba ikaelela go tlhabolola thuo ya dikoko tsa Setswana gore e kgone go dira dipoelo.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto o boletse fa babereki ba lephata la leruo ba le botlhokwa fela thata ka le tshwere matshelo a Batswana jalo a rotloetsa badirelapuso ba ba direlang mo go lone go bereka ka tlhoafalo go thusa setshaba.
Rre Loeto a re ba eme ka dinao go netefatsa gore mananeo a mantle a puso a sologela Batswana molemo ka go ba ntsha mo lehumeng mme puso le yone e fefogele go dira ditsela tsa meraka le go gokela motlakase gore barui ba tlhabolole leruo la bone ba tle ba kgone go bona dipoelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 03 Dec 2014