Go belegela mo lwapeng go borai
02 Dec 2014
Mooki wa kokelwana ya Mokobeng, Rre Tiroyaone Moshaga, o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go tsibogela go ya kokelong fa ba le mo ditlhabing tsa pelegi gonne fa ba sa dire jalo ba baya matshelo a bone gammogo le ngwana yo o imilweng mo diphatseng.
Fa a bua kwa letsatsing la pitso ya botsogo le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la botsogo ba kgaolo ya Mahalapye kwa Mokobeng bosheng, Rre Moshaga o tlhalositse fa go le borai gore mme e re a utlwa ditlhabi tsa pelegi a bo a sa di tsibogele.
A re fa mme a utlwa ditlhabi tsa pelegi o tshwanelwa ke go iketleeletsa kwa bookelong gore a tle a bone thuso e e lolameng ya ba ba rutetsweng tsa pelegi.
Rre Moshaga o boletse fa bomme bangwe ba ba itsholofetseng ba na le go nna fela mo malwapeng ntswa ba simologetswe ke ditlhabi tsa pelegi mme seo se le borai ka mo dinakong tse dingwe go na le gore e re mme a belega, ngwana a bo a sa tswe sentle jaaka go tlwaelesegile mme fa go ntse jalo baoki ba tlaa tsibogela seemo seo jalo botshelo jwa ngwana bo babalelwe go na le fa a belegelwa kwa lwapeng.
A re kwa bookelong go na le dithuso tse di lolameng tse ba ba belegang ba ka di bonang ka nako ya pelegi jaaka tikologo e e phepa, dithuso tsa potlako bogolo jang fa mme a tlhoka go tshelwa madi le go sekaseka gore a botsogo jwa ngwana yo o belegweng le mmaagwe bo siame.
Rre Moshaga a re go ngomola pelo ka mo nakong eno go santse go na le seemo sa bomme ba ba kgonang go belegela mo malwapeng ntswa dinako di fetogile ka ba ba neng ba itse go belegisa bomme ba sa tlhole ba le teng mo botshelong.
A re puso e boloditse letsholo la go fedisa dintsho tsa bomme le masea a bone ka nako ya pelegi mme fa seemo se se ka tswelela maiteko ao a tlaa folotsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAHALAPYE
Event : Pitso ya botsogo
Date : 02 Dec 2014