Ditlhabololo ke dikeletso tsa batho
03 Dec 2014
Mmatoropo wa pele wa Lobatse, Mme Caroline Lesang, a re ditlhabololo tsa motse di simologa ka dikomiti tsa ditlhabololo, morago di ya khanseleng le kwa palamenteng.
E rile a bua kwa pulo semmusong ya dikago tsa kgotla ya Mafhikana kwa Kanye bosheng, Mme Lesang a re morafe ke one o itseng se o se tlhokang go na le makhanselara le mapalamente ke sone se go leng botlhokwa gore e nne bone ba supang gore ba tlhoka eng go feta se sengwe.
Mme Lesang a re puso ga e kake ya kgona e le nosi e tlhoka kemo nokeng ya morafe jalo o kopile morafe gore o seka wa fela pelo fa komiti ya VDC e bitsa diphuthego gonne ke yone palamente ya motse.
A re ba tla a bo ba ntse ba le teng ka dinako tsotlhe go thusa fa go tlhokegang teng. O lebogile ba khansele ya Borwa ka a re ba nnile le seabe mo ditlhabololong tse ka lenaneo la Ipelegeng mme a ba rotloetsa go tswelela ka go thusa fela jaaka ba dirile.
Mme Lesang o kopile mokhanselara Rre Chabalala go ema VDC nokeng le gone go tsena diphuthego tsa bone ka dinako tsotlhe a ba abela P2 000 mme a ba kgothatsa gore ba seka ba felela fela fa ba dirileng teng.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Gaofenngwe Bome o boletse gore khansele ya Borwa ka boeteledipele jwa modulasetilo wa pele Rre Tlhomelang e kgonne go aga mmolo.
Mokhanselara wa Mafhikana Rre Thamiso Chabalala a re o tsile go tsosolosa mowa wa boipelego a bo a kopa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao, a bolela fa bana bangwe ba retelelwa ke dithuto ntswa ba na le ditlhaloganyo tsa go ka fenya. Rre Chabalala a re go lemotshegile fa bana ba kgorelediwa ke go kopana le dikgwetlho tsa botshelo tse di ba fetileng.
Leloko la komiti ya VDC, Rre Kagiso Moleti o boletse fa go ne go le thata go aga dikago tse ka ba ne ba sena madi. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng mme ba lopiwa go ntsha sephatlo gore khansele le yone e ntshe sephatlo se sengwe. A re ba ne ba tsena motse le motsana ba kopa dithuso mme ka thata ya Modimo ba kgona go di bona mo dikomponeng le mo bathong ka bongwe ka bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Pulo semmuso ya dikago tsa kgotla
Date : 03 Dec 2014