Bomme ba rotloediwa go emana nokeng
02 Dec 2014
Bomme ba kopilwe go thusana le go rotloetsana gore ba nne le kemedi le seabe se se lekanang le sa borre mo dikgannyeng tse di farologaneng di akaretsa thuto, ditiro le tsa sepolotiki.
Kwa thuto-puisanong e e neng e itebagantse le tekatekano ya bong e tshwaretswe kwa Tsabong bosheng, moemedi wa Botswana yo e leng leloko la lekgotla la SADC la maitlamo mo dikgannyeng tsa bong le ditlhabololo Mme Anna Sebopelo o kaile fa bomme ba ka nna le seabe se se lekanang le sa borre fa ba ka emana nokeng gore ba nne le kemedi.
Mme Sebopelo o supile fa bomme ba na le seabe se se kwa tlase fela thata mo go tsa sepolotiki mo Botswana mme a re se se tshwenya fela thata ka se itsa bomme go tsaya karolo mo go tsamaiseng le go busa lefatshe.
O supile fa bomme ba na le bokgoni ka jalo ba tshwanelwa ke go nna le seabe se se lekanang le sa borre mo dilong tse di farologaneng di akaretsa tsa itsholelo, ditlhabololo, go tlhomiwa ga melao le gone go etelela setshaba pele.
O tsweletse a gatelela fa bomme ba itshupile fa ba na le bokgoni le boikarabelo ka palo e ntsi ya bone e fitlhelwa mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa metse le go tlhokomela balwetse mme ba dira ka natla e bile ba ntsha maduo a mantle fela thata. O supile fa boemedi jwa bomme bo wela tlase fa maemo a ntse a tlhatloga jaaka mo dikhanseleng le kwa palamenteng. O rotloeditse bomme go gatoga bokgoni jwa bone mme e bile a re ba tlogele go inyatsa ba eme ka dinao go batla diphatlha mo ditirong tsa maemo tse di tlhokang maikarabelo a matona gore ba nne le tekatekano le borre mo go tlhabololeng le go tsamaiseng lefatshe leno.
E re lekgotla le le ikemiseditse go tlisa tekatekano mo go tsa bong le ditlhabololo, Mme Sebopelo a re lefatshe la Botswana ga ise le saene tumalano ya go nna leloko la SADC Gender Protocol mme le fa go ntse jalo a re lefatshe leno le diragatsa maitlamo a lekgotla bogolo jang mo maitlamong a thuto le botsogo go feta le one maloko mangwe a lone.
Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa batsena thuto-puisano e, Rre Lolipop Ntwaeetsile o kgothaditse bomme gore ba eme ka dinao ba thusane go tlisa tekatekano ya bong. Rre Ntwaetsile o kopile bomme go tlogela lefufa le ditshele ka a re ke tsone tse di ba kgaoganyang jalo go dire gore ba seka ba kgona go nna le kemedi bogolo jang mo go tsa sepolotiki.
O tsweletse a kaya fa seemo sa tekatekano ya bong kwa Kgalagadi Borwa, bogolo jang mo go tsa sepolotiki e tshwenya ka bomme ba le palo e e kwa tlase fela thata. A re mo dikgaolong tse di lesome le bone tsa botlhopi mo Kgalagadi Borwa makhanselara otlhe ke borre mme a mabedi a a itlhophetsweng e le mme le rre ka jalo go raya gore mme o nosi fa gare ga borre ba le 15 mo khanseleng eo.
O tsweletse a re mo komiting ya ditlhabololo ya Tsabong Bophirima le Tsabong Botlhaba bomme ba 17 fa borre ba le bararo fela mme a re seo se supa gore fa maemo a tlhatloga dipalo tsa kemedi ya bomme di a ngotlega jalo a gakolola bomme gore ke bone ba ba ka fetolang seemo se ka go emana nokeng segolo jang ka go tlhopha baemedi ba bomme kwa khanseleng le kwa palamenteng ka dipalo tsa bone di feta tsa borre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Thuto-puisano
Date : 02 Dec 2014