Breaking News

Motsumi o tla a emela Palapye kwa BDA

02 Dec 2014

E rile bosheng banni ba Palapye ba tlhopha Mme Iponeng Motsumi go ya go ba emela kwa lekgotleng la Bamangwato Development Association (BDA)  le le agilweng ka metse ya Palapye. Mahalapye, Radisele le Pilikwe.

E rile a rolela setshaba ka tlhopho eo, mothusa molaodi wa kgaolwana potlana ya Palapye Mme Segametsi Koontse a tlhalosa fa a diragatsa thomo ya tona wa dikgaolo le tlhabololo magae yo o kopileng gore go tlhophiwe motho ale mongwe kwa Palapye go ya go emela morafe kwa lekgotleng la BDA. 

Le fa go ntse jalo, Rre Klaas  Motshidisi o ne a botsa gore a mokwalo wa kwadiso ya gore BDA e nne trust o santse ole mo tirisong ka o ne o tlhalosa fa go tshwanetse ga tlhophiwa maloko a le mabedi motse mongwe le mongwe.

Botswana Development Association ke lekgotla le le bopilweng ka bo 1956 go emela metse ele mene ka maikaelelo a go tlhabolola metse eo ka se se tla a bonwang mo go tse lekgotla le nang le tsone.

Go lebega fa mathata a kgang  ele gore metse e mene eo e tlhakanele ditlhabololo tsa lekgotla la BDA ka ba Pilikwe ba supa fa jaanong ba batla go fetolela leina leo kwa go  Pilikwe Development Association, fa metse e mengwe e meraro le yone  e supa fa  e na le seabe mo dithotong tsa lekgotla la BDA.

Go nna teng ga lekgotla leo ene ele maikaelelo a gore morafe o anywe meamuso e lekgotla le e bonang ka ditsela tse di farologaneng, mme e ne yare fa puso e bona gore lekgotla le wela ka lemena ya tsenya letsogo go thusa morafe ka jalo lekgotla la tsoga ga bo ga somarela tse di neng di santse di le teng ka nako eo.

Kgang e e tsogang jaanong ke fa puso e kopa lekgotla go itsamaisetsa, kgotlhang e tsalwa ke gore ke eng lekgotla le tshwanetse go akaretsa metse e mengwe e meraro le sa lebaganngwe fela le motse Pilikwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tlhopho ya moemedi

Date : 02 Dec 2014