Breaking News

'Elang dilalome tlhoko'

03 Dec 2014

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Photshanyana Mogatsaseno, o gakolotse banni ba Khudumelapye go nna podimatseba mo kgweding ya Morule ka manweenwee ba ba itirang baporofiti.

Mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mme Mogatsaseno o gakolotse banni gore ba itlhokomolose batho ba mofuta oo mme gape ba lome ba sepodisi tsebe fa ba ka ba bona.

O kaile fa ba tshwenngwa thata ke dikgang tsa batho ba ba rekisetsang batho leruo ka sekoloto mme ba sa ba itse jalo a ba gakolola gore ba seka ba dira jalo ka ba ka felela ba swelela ntswa ba sokoletse leruo leo.

O tsweletse ka go bolelela banni ba Khudumelapye go tsaya thulaganyo ya motshameko wa Itshireletse tsia ka e ruta ka dikgang tsa borukhutlhi le gore batho ba ka di fenya jang. Mme Mogatsaseno  o ba  gakolotse gore ba ele tlhoko baeng ba ba sa ba itseng. O ba tlhaloseditse gore ga go thona gore ba botse motho gore ke mang o tswa kae fa ba lemoga gore ke moeng.

Mme Mogatsaseno o tsweletse a gakolola batsadi go tlhokomela metsamao ya bana ba basetsanyana go simolola kgwedi eno go fitlha keresemose le ngwaga o mosha. O ba tlhaloseditse fa ba tshwenngwa ke gore fa ngwaga o simologa ba amogela dikgang tse dintsi tsa go tseelwa dikobo ka dikgoka ga basetsanyana ka ba bo ba iphitisitse dino. O ba gakolotse gore tshwanelo ya bana ke go utlwa batsadi ka jalo ngwana yo o sa utlweng batsadi o tshwanetse go otlhaiwa.

Mo pegong ya gagwe mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Gofentsemang Keotletswe o kopile gore ba okelediwe mapodisi gammogo le go ba agela matlo a boroko ka go na le tlhaelo ya matlo a bodiredi kwa motseng oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Dec 2014