Makhanselara a gana lenaneo la ditlhabololo
02 Dec 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a ganne go amogela ditogamaano tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya borobabobedi ya kgaolo e e akaretsang kgaolo yotlhe ya Legare.
Mo phuthegong ya khansele eo kwa Tutume bosheng, makhanselara ba boletse fa mo ditogamaanong tseo go tlogetswe mananeo a konokono a le mantsi thata mme go tserwe a se kae fela ka ntlha ya seo ba ka seke ba amogela ditogamaano tseo gore di fetisediwe kwa khanseleng e kgolwane ya Legare.
Fa a ntsha kgakololo, mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Lawrence Mazinyane o boletse fa se ba se dirang e le go itlhaba ka thipa mpeng ka ba tshwanetse go lemoga fa sejo sennye se sa fete molomo mme jaanong ba tsile go rontsha setshaba ditshwanelo tsa bone.
O tsweletse a re go dira jalo ke go gana gore ditlhabololo di tle mo kgaolong ya bone mme seo se ne sa seka sa thusa sepe ka makhanselara ba boletse fa go dumela sengwe le sengwe e le nngwe ntlha e e dirileng gore kgaolo e salele kwa morago mo ditlhabololong.
Mokhanselara wa Maitengwe Borwa, Rre Milidzani Chose o ganne nnyaa wa banyana, a supa fa go amogela ditogamaano tseo di sena mananeo a mangwe a ba neng ba a solofetse e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng.
A re gape ba tla a bo ba sa dire dikeletso tsa batho ba ba ba romileng, a re tlhaloso ya mokwaledi wa khansele ke go ba lomeletsa mo moonong o eseng wa bone gape e lolea ga e kake ya ba isa gope ka ga e na mokwalo kana ditsetlana.
Mokhanselara Anthony Chebane wa Nshakazhogwe a re seemo sa kgaolo potlana ya Tutume se ngomola pelo ka e saletse kwa morago mo ditlhabololong jalo a kopa gore kgaolo e ikemele ka nosi gore e kgone go ka itsamaisetsa mananeo a yone.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ba tlhaloseditse fa mangwe a mananeo a dikopo tsa bone e rile ba a sekaseka ba bona a ka dirwa ka thulaganyo ya Ipelegeng le tiro tsa khansele potlana eo.
Rre Chilimba o tsweletse a bolela fa mangwe mananeo a a seyong a kgona go tla a tsentswe ka maphata a kgona go tla a tsentse mananeo a ba bonang e le a konokono a ka fiwa maemo a ntlha. A re gape go na le kgonagalo ya gore mangwe a mananeo a a mo ditogamaanong tseo a tle a seegetswe fa thoko.
E re le ntswa makhanselara a ne a fiwa bogakolodi le ditlamorago tsa go gana go amogela togamaano eo, ba ne ba le supa le le fa gore bone ga ba na go boela morago ditshwetso tsa bone ka ba na le lebaka la go gana go amogela seo ka jalo ditogamaano tseo tsa felela di sa amogelwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 02 Dec 2014