Breaking News

Makhanselera a lebogela diphetogo

02 Dec 2014

Makhanselara a kgaolo potlana ya Palapye a lebogetse diphetogo tsa go simolodisiwa ga dipego tsa maphata a puso le khansele ka ba re go tla dira gore ba itse sentle se se diragalang  gore ba kgone go thusa fa go tlhokegang teng .

E rile ba bua mo phuthegong e ba neng ba itlhokoletsa phuthego ya khansele ya Legare, ba supa fa thulaganyo eo ele botlhokwa fela thata, segolo jang ka bontsi jwa bone ba le basha ka jalo ba sa itse maphata sentle gammogo le boeteledi pele jwa one.

Makhanselara ba re seo se tla a dira gore ba rwale setlhako sele sengwe le maphata ka ba tla a bo ba lemoga sentle se se ba paledisang go isa ditlamelo ka nako kwa batlhophing  le go nna bontlha bongwe ja mathata a maphata a lebaneng le one.

Bontsi ja maphata a puso le a khansele ba re ba kopana le mathata a tirisano mmogo ya bodiredi le didirisiwa gammogo le tsone dipalamo tse di ka ba kgontshang go neela setshaba ditlamelo ka manontlhotlho.

Mongwe wa ba ba neng ba ntsha pego Mme Kedirileng Moseki yo o neng   a itebagantse thata le bana ba dikhutsana, o tlhalositse gore ba tlhokomela bana go fitlhelela ba nna dingwaga tse di lesome le boferabobedi, go tswa foo ba fetisediwa ka fa dithusong tse dingwe tsa gore jaanong ba godile ke bana ba ba nang le letlhoko. O tsweletse a re bana bao ba fiwa sebaka go tsena mo dithutong tse di farologaneng tsa ditiro tsa diatla segolo jang fa maduo a bone a sa ba kgontsha go fetela mmadikole.

Mogolwane wa tsa matlo kwa khanseleng  a lebagane le lenaneo la SHAA, Mme Bathusi Oduetse o tlhalositse fa ba tsweletse ka go aga matlo a lenaneo la Turnkey  le  la SHAA mme a supa fa ba lebagane le go thusa metse ya kgaolo ya Palapye ele 27. O tsweletse a tlhalosa fa P60 000 wa lenaneo la Turnkey le ba le tshwaraganetseng le Botswana Housing Corporation a sa tlhole a lekana ka didirisiwa tsa kago di tura fela thata mme a re seo se dira gore matlo a tlogelwe a sa fela madi one a setse a fedile. O supile gape fa ba ba thusitsweng go agelwa matlo ka lenaneo la SHAA le bone ba sa duele sentle go fa ba bangwe sebaka sa  gore ba akole lenaneo leo. 

Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye, Rre Boikaego Maswabi o supile fa ba tshwere ka natla go batla lefatshe la metse e e welang mo go bone e akaretsa Palapye le Letswapo, a re mme ba kgonne go bona kwa ba ka godisetsang metse ele mentsinyana teng jalo a supa bontsi ja mafelo  a tla a abelwe setshaba mo ngwageng ono wa madi.

E ne yare ba ba kgwa kgaba, makhanselara a supa fa a sa itumedisiwe ke ka fa go dirwang ditshekatsheko tsa batlhoki ka teng, ba re nako e nngwe le fa ba sa rutelwa tiro eo ba bona gore ga go dirwe dilo sentle.

E rile a itebaganya le ba lephata la metsi, mokhanselera wa Radisele Rre Kgosiemang Monare a supa fa a tshwenngwa ke madi a metsi a kwa godimo lefa motho a dirise jalo a batla tlhaloso ya gore pompo e duelelwe bokae. O tsweletse a bolela fa a a sa itumedisiwe ke nako e telele e e tsewang go baakanya didiba fa di senyegile gotwe ga gona di didirisiwa.

Mokhanselera wa Topisi Rre Artie Boitshwarelo ene a re o tshwenngwa ke gore kwa kgaolong ya gagwe ga gona metsi jalo ba sielwa ka dikoloi tse le tsone di sa kgoneng go nosa metse ya kgaolwana tsa gagwe sentle.

Mokhanselera yoo o itlhophetsweng, Mme Elizabeth Gabathuse ene o kopile go tlhalosediwa gore extension 6 le 7  di ya go dirwa leng ka lenaneo le lesha la kwadiso ya ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 02 Dec 2014