Breaking News

Mmuso o abetswe P33 million

01 Dec 2014

Mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao a lebagane le metlobo ya dibuka mo kgaolong ya Legare, Mme Keseitse Same a re lefatshe la Amerika le abetse la Botswana madi a a fetang P33 million go dirisiwa mo go tokafatseng seemo sa tsamaiso metlobo ya dibuka le go reka dibalamakgolo.

Kwa letsatsing la go simolodisa lenaneo la Sesigo kwa Kalamare bosheng, Mme Same  a re maikaelelo le maikemisetso a lephata la gagwe ke go itebaganya le go ruta Batswana go itse go bala le go kwala gammogo le go ba neela dikitso tse di tseneletseng gore e bo ele tshaba e e rutegileng ka 2016.

Mme Same o boletse fa go ithuta go bala le go kwala, tiriso ya dikhomputara le maranyane a segompieno go ka tlhabolola matshelo a Batswana le go baya lefatshe leno mo maemong a go gaisana le a mangwe mo go tsa papadisano jalo go imolole Batswana go latela ditlamelo tsa go nna jalo kwa ditoropong.

A re kgaolo ya Legare e na le metlobo ya dibuka ele lesome le botlhano le mafelo a batho ba ithutelang go bala le go kwala mo go one ale lesome le bobedi mme a kopa banana le bagolo go tsenelela lenaneo la Sesigo gore ere ka 2016 bontsi jwa Batswana ba bo ba kgona go bala le go kwala gammogo le go dirisa dikhomputara.

Mongwe wa lekgotla la Botswana Community Based Network, Rre Douglas Lecholo o kgothaditse banni ba Kalamare go inaakanya thata le go ithuta tiriso ya dikhomputara le inthanete gore ba kgone go tokafatsa ka fa ba ntseng ba tshela ka teng.

Rre Lecholo a re le ntswa puso e na le mananeo a mantle e bile e na le bodiredi jo bo rutetsweng tiro sebe sa phiri ke gore e retelelwa ke go diragatsa mananeo ao ka jaana a sa tsamaelana le dikeletso tsa batho ba metse eo.

A re gore metse ya magae e gatelepele mo ditlhabololong ke fa puso e ka neela batho tshwanelo ya go ikakanyetsa ditlhabololo tse di ka dirwang mo dikgaolong tsa bone go na le gore puso ka bo yone e sekaseke ditlhabololo tse di ka direlwang batho ntswa ba sena keletso le kgatlhego mo go tsone.

A re fa go na le tirisano mmogo ya dikomiti tse di farologaneng mo motseng e akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya batsadi le barutabana, ya botsogo, ya badirelapuso ya balemi barui gammogo le ya twantsho borukuthi, ditlhabololo di ka tswa tema fela thata mo dikgaolong tsa lefatshe leno. 

Rre Lecholo o tsweletse a kgothatsa Batswana go somarela meamuso ya ditsa tlholego mo tikologong ya metse ya bone ka ele tsone di ka ba tsenyetsang madi ka bajanala ba ba etelang kwa metseng ya bone go di bona.

O kopile batsadi go ruta bana ka ditso le ditiragalo tsa bogologolo le di dirisiwang tse batho ba neng ba di dirisa di tshwana le megoma, dijokwe, dikei le matlalo a a sugilweng a a neng a dirisiwa go sega kapari ya bogologolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : KALAMARE

Event : Letsatsi la go simolodisa Sesigo

Date : 01 Dec 2014