Bana ba itumelela dijo
01 Dec 2014
Go bolelwa fa Matlhatso mangwe le mangwe bana ba kgotla ya Manyanda kwa Tonota ba akola dijo go tswa mo mokgatlhong wa International Hope in Mission.
Go ya ka moeteledipele wa mokgatlho o, Mme Deborah Shirek moono wa bone ke go diragatsa lefoko la Modimo le le rotloetsang gore batho ba thusane. Mme Shirek, yo e leng leloko la kereke ya The Rock International a re o tswa kwa Amerika le ba lelwapa la gagwe ka maikaelelo a go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Mme Shirek o tsweletse a re ba simolotse lenaneo la go abela bana dijo ka 2007 mme ba thusiwa ka madi ke dikereke le mekgatlho e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, Mme Shirek a re go na le batho ba ba kgonang go ithaopa ba ntsha mo ba go kgonang go tsweledisa lenaneo le.
A re ba tlhophile kgaolwana ya Manyanda mo Tonota ka e le yone e go lebegang e na le batho ba bantsi. A re tiro e, ga a e dire ka bonosi mme o tshwaragane le bagolo bangwe ba motse ba ba ithaopileng go nna ba tla go apeela bana.
Mme Kedibonye Ntwaetsile yo e leng mongwe wa baithaopi, a re o dira tiro eo ka botswapelo ka gore o itumedisiwa thata ke go bona monyenyo wa bana bao. Mme Ntwaetsile a re go le gantsi bana ba ba tlang go akola dijo tseo ke ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.
O boletse gore mo dingwageng tse a ntseng a dira le mokgatlho o, palo e ntsi ya bana ba ba kileng ba ya go akola dijo tseo e feta makgolo a mararo.
O tlhalositse gore mokgatlho ga o tlhaole gore go tla bana ba ba tswang mo malwapeng a mofuta ofe mme ngwana mongwe le mongwe o letlelesega go akola dijo tseo fa fela a tswa mo kgotleng ya Manyanda gonne kgang kgolo ke go tlisa monyenyo mo difatlhegong tsa bana bao.
Mongwe wa banana ba ba ratang go ya kwa kgotleng ya Manyanda ka Matlhatso Mme Lesego Keemenao a re ene kwa ntle ga dijo tse di monate tse ba di abelwang, o itumelela thata go tlhola a tshameka metshameko e e farologaneng le balekane ba gagwe mme go dira jalo go mo sidila tlhaloganyo gape go dira gore a ikgaphe mo go tse di sa siamang.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : TONOTA
Event : Phuthego
Date : 01 Dec 2014