'Fetolang maitswaro'
01 Dec 2014
Ramapodisi a kgaolo ya District No 2, Rre Paul Molapisi o kopile setshaba go fetola maitshwaro a bone mabapi le dikgang tsa kgokgontsho kwa malwapeng.
Kwa segopotsong sa malatsi a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana e e neng e rulagantswe ke ba kgolegelo ya Serowe bosheng, Rre Molapisi o tlhalositse fa dipalo di supa gore bomme le bana ba kgokgontshiwa go fetisa borre.
A re mo ngwageng o o fetileng mo kgaolong ya Legare go bolailwe bomme ba le masome a mabedi le bone mme mo ngwageng ono go simologa ka Hirikgong go ema ka Lwetse go setse go bolailwe ba ka nna lesome le boferabobedi.
Mo molatong wa go thubetsa o kaile fa dipalo tsa ngwaga o o fetileng di nnile lekgolo le masome a mararo le boferabobedi fa mo ngwageng ono di setse di le lekgolo le masome a marataro le borataro ntswa ngwaga o ise o fele.
Rre Molapisi o tsweletse a re dikgetse tsa dikiteo tsa bomme ngwaga o o fetileng di nnile 1 148 fa mo ngwageng ono go nnile le di le makgolo a ferabobedi le masome a mararo le bobedi go fitlhelela ka Lwetse.
A re mo dikganyeng tsa dikiteo tsa bana, ngwaga o o fetileng di nnile lesome le boferabongwe fa mo ngwageng ono di setse di le lesome le botlhano mme tsa matshosetsi a polao tsone ba amogetse di le masome a mabedi le bobedi ngwaga o o fetileng fa monongwaga gone ba setse ba amogetse di le lesome le boferabobedi. A re go lebega fa dipalo di tsile go oketsega go lebilwe gore ngwaga ga o ise o fele ka jalo a kopa setshaba go itshekatsheka go bona gore dipalo tseo ga di oketsege.
Fa a tswa la gagwe, mooki wa sepatela sa Sekgoma a lebagane le balwala tlhaloganyo Mme Malebogo Motsokono a re gantsi ba dira molato wa kgokgontsho ke batho ba ba kileng ba kgokgontshiwa e le pele mme fa ba bone dithuso ba ka hema gore le bone ba iphitlhele ba kgokgontshitse ba bangwe.
A re kgokgontsho e ama mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a ke ngwana kgotsa rre, a tlatsa ka gore kgokgontsho e e borai go di fetisa ke ya maikutlo. A re maikutlo a motho a tsamaisana le tlhaloganyo ka jalo fa motho a kgopisegile mo maikutlong o kgona go dira tiro nngwe le nngwe e e maswe ke ka moo a tshwanelwang ke go batla thuso gore maikutlo a boele mannong.
O tlhalositse gape gore go iphitisa dino le ditagi go ka baka gore motho a felele a dirile ditiro tse di maswe tsa kgokgontsho jaaka go betsa, go thubetsa kana go dirisa mafoko a matlhapa mo go ba bangwe. Mme Motsokono o kopile setshaba, segolo jang batsadi go fetola maitshwaro a bone le go fokotsa go iphitisa dino. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Letsatsi la segopotso
Date : 01 Dec 2014