Ba itumeletse bo Omang
01 Dec 2014
Bazezuru ba Mandunyane ba kgotla ya Maseka ba boletse fa ba itumetse e bile ba akgola puso go bo e dirile thulaganyo ya gore ba fiwe dikarata tsa Omang.
Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mandunyane, Rre Samuel Moturiti o supile fa bontsi jwa Bazezuru ba sa bolo go tla mo lefatsheng leno ka 1952 mme a re le ntswa ba sa bolo go thibelela mono, go ne go sa kgonege gore ba ka fiwa dikarata tsa Omang ka mabaka a a farologaneng.
A re ba ne ba ikuela mme puso ya reetsa selelo sa bone ka jalo ga dirwa dipatlisiso le ditshekatsheko tse di maleba mme ba felela ba filwe dikarata tseo.
Rre Mutoriti o supile fa mo nakong eno, bontsi jwa bone, bogolo jang banana ba ba lekaneng go tsweledisa dithuto tsa bone kwa dikolong tsa ithutelo tiro ba setse ba filwe dikarata tseo.
A re Omang o botlhokwa thata mo matshelong a bone e bile o dirile pharologanyo ka e rile pele ga ba mo fiwa, ba bo ba lebanwe ke dikgwetlho ka jaana ba ne ba sa kgone go bona dithuso di akaretsa tsa botsogo le tse dingwe ka go farologana.
O supile fa ba ne ba na le kgatlhego ya go ikopela mananeo a puso ka go farologana le gone go nna le seabe mo ditirong tse di ka tlhabololang lefatshe leno mme sebe sa phiri e le letlhoko la Omang.
Rre Mutoriti a re botshelo bo fetogile ka jaana ba setse ba kgona go akola ditlamelo di akaretsa kalafi le thuto ya bana ntle le dituelo dipe.
O boletse fa bangwe Bazezuru ba setse ba amogetse dithuso tsa nyeletso lehuma di akaretsa ditshingwana tsa merogo le tse dingwe.
A re bangwe banana ba supile kgatlhego mo mananeong a a farologaneng a banana mme ba setse ba ikopetse dithuso tsa madi go simolola dikgwebo.
Go sale foo, Rre Mutoriti a re le ntswa morafe wa Bazezuru o itsege ka go itirela ka diatla ka go dirisa didirisiwa di akaretsa disenke le dipolanka go dira dikgamelo le ditafole, seemo se setse se ba ketefalela.
A re kwelo tlase ya theko ya dithoto tsa bone le ditlhwatlhwa tse di golelang pele tsa didirisiwa tse ba di tlhokang di tsweletse ka go ama dikgwebo tsa bone ka tsela e e sa siamang. Rre Mutoriti a re tsholofelo ke gore jaaka ba setse ba na le dikarata tsa Omang, ba tla ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa kemo nokeng.
A re seo se ka thusa go atolosa dikgwebo tsa bone le gone go bona didirisiwa tsa boleng jo bo rileng gore ba dire dithoto tse di kgatlhisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 01 Dec 2014