Breaking News

Ba-na-le bogole ba itela mo pusong

01 Dec 2014

Ba-na-le bogole mo kgaolong ya Borwa ba ngongoregile thata ka dithuso tse ba di fiwang ke puso le bangwe ka bone mo ba reng go a ba tlontlolola e bile go ba humanegisetsa pele ka go sena mananeo a lebaganeng le bone.

Mo letsatsing la go ipela le tshwaretswe kwa Kanye bosheng, mongwe wa maloko a mokgatlho wa ba-na-le bogole mo Botswana Mme Shelly Keoagile o boletse fa mekgatlho ya ba-na-le bogole e sa bereke mo go ba ba senang lentswe kwa baemeding ba bone le puso.

Mme Keoagile o boletse fa ba sena mananeo a lebaneng le bone fela mme ba tlhakanngwa le batho ba ba senang bogole. O boletse fa puo ya ba-na-le bogole ba batlhokapuo e farologane mme go dira gore gonne le tlhoka kutlwisisano fa ba buisana. 

O tsweletse a bolela fa ba saletse kwa morago ka go akola mananeo a puso ka ntata ya go tlhoka barotloetsi.

Rre Padro Ramosanta o tlhalositse fa go thusa ba-na-le bogole e se morwalo wa puso fela, a re batsadi le masika ba tshwanetse go nna le seabe mo ba-na-le bogoleng.  O tlhalositse gore ba-na-le bogole le bone ba tshwanetse ba tsena dikole e bile ba kwadisiwe gore go itsiwe gore ba kae le gore ba fa kae gore ba thusiwe sentle ke puso.

Rre Ramosanta o boletse fa go na le mananeo a bone a go ithuta dikhomphuthara mo metlobong ya dibuka mengwe le mengwe. 

O boletse fa go na le lenaneo mo dikhanseleng la go ba rekela dikolotsana tsa maotwana. A re bogole ga se bolwetse ka ba kgona go dira ditiro tse di nang le maduo mo setshabeng. 

O akgotse khansele ya Borwa ka mo ditogamaanong tsa yone tsa madi ba akaretsa ba-na-le bogole.

Mmaboipelego Mme Bakang Motshegwa o boletse fa maikaelelo a lephata la bone ele go tlhabolola ditirelo tsa bone le go lemotsha setshaba gore ba teng e bile ba beile  dikeletso tsa ba-na-le bogole kwa pele. 

Fa a ntsha malebo, modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Tlhomamo Dibeela o rotloeditse ba-na-le bogole go ema ka dinao go kopana le makhanselara le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go ba thusa ka tsotlhe tse ba di tlhokang.

Mokhanselara Dibeela o boletse fa puso e dira ka gotlhe go thapa ba-na-le bogole mo maphateng a a farologaneng  le mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi mogodimo ga moo e bile ofisi ya ga tautona e tshwenyegile fela thata mo e dirileng lekalana le le itebagantseng le ba-na-le bogole. 

O ba kgothaditse go inaakanya le metshameko ka e ka ba busetsa. 

O dule ka mogopolo wa gore mo dikgotleng le bokopanong bongwe le bongwe go tolokololelwe ka puo ya diatla gore batlhoka kutlo ba itseele melaetsa ka tlhamalalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Letsatsi la go ipela la bana-le-bogole

Date : 01 Dec 2014