Breaking News

Ba kopilwe go sa dirisa maemo bohalelele

01 Dec 2014

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gakolotswe go ikelatlhoko le go ikgapha mo tshenyetsong setshaba.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba a lebagane le tsa madi le tsamaiso, Rre Sebonego Mosinyi e rile a bua kwa thuto-puisanong ya go tlhokoletsa makhanselara tiro ya bone bosheng, a ba kopa gore ba seka ba dirisa maemo a ba a filweng ele sebaka sa go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba mme ba tshwanetse ba itse fa tshenyetso setshaba e na le ditlamorago tse di sa siamang mo botshelong jwa motho.

A re ba tshwanelwa ke go nna sekao mo setshabeng ka go nna phepa ba sa amega ka gope mo dikganyeng tseo ka di ka diga seriti sa bone. 

Rre Mosinyi o tsweletse a itsese makhanselara fa khansele e na le komiti e e itebagantseng le go tsibosa bodiredi le setshaba ka dikgang tsa tshenyetso setshaba mme fela ba tshwanetse ba tlhaloganya fa komiti eo e sa amogele dingongorego le dipego dipe e bile e sa tlhotlhomisi dikgang tsa tshenyetso setshaba. 

A re dikgang tsa tshenyetso setshaba di tshwanetse tsa begwa kwa lekalaneng la Directorate on Corruption and Economic Crime  go tlhotlhomisiwa ntle le tiego epe.

Fa a tswa la gagwe mabapi le kgang ya go ntsha ditshutiso le dipotso ga makhanselara, mokwaledi wa dipuisano tsa khansele, Rre Richard Selala o rotloeditse makhanselara go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng ka ditshutiso tsa bone pele ba ka di tlisa kwa khanseleng.

Rre Selala a re fa ba eletsa go baya pele phuthego ya khansele tshutiso nngwe, ba tshwanetse ba ikopanya le lephata le le amegang go batlisisa le go itse mo go tseneletseng ka mogopolo o ba batlang go buisanngwa ka one. 

A re go le gantsi go a diragala gore mokhanselara a ntshe ditshutiso di le mmalwa mo khanseleng mme mo go tsone go felele go atlegile tshutiso e le nngwe fela, a re seo se dirwa ke go bo mokhanselara a bo a paletswe ke go dira dipatlisiso tse di tshwanetseng.

Fa a ama tsa lephata la boipelego le tlhabololo matshelo, mogolwane go tswa mo lephateng la Boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Pedzani Mahama o  gwetlhile makhanselara go rotloetsa batho go inaakanya le mananeo a a ka ba ntshang mo lehumeng go na le go ikanya mananeo a botlhoki. Mme Mahama a re keletso ke go bona batho ba sa nnele ruri mo botlhoking.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Thuto-puisano

Date : 01 Dec 2014