Makhansalara a ikana go tlhabolola Bobirwa
30 Nov 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re a tla a leka ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go tsisa ditlhabololo kwa kgaolong ya Bobirwa.
Fa a bula phuthego ya khansele ya Bobirwa kwa Bobonong bosheng, modulasetilo wa khansele, Rre Nathaniel Moribame e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Molalatau a re ba tsile go itebaganya thata le dikhutsana, batlhoki le bana ba ba tlhokang go thusiwa ka mananeo ka go farologana.
O supile fa balwetse bangwe ba setse ba amogetse matloa a a sireletsang monang mme e bile lephata la boipelego le setse le ntshitse dithuso tsa mananeo di le lekgolo le masome a mabedi le bongwe di akaretsa madirelo a apayang borotho, a dijo a le lesome le boferabobedi, a moriri a lesome le borataro, a go roka a le masome a mane le bongwe fa a go tlhatswa a le mane fela.
Mo mananeong a le masome a mararo le bongwe a a fedileng a le masome a supa a mo tseleng ya go ka fediwa. Rre Moribame a re lephata la banana, metshameko le ngwao le thusitse banana ba le 167 mo kgaolong ya bone.
O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Bobirwa banana ba Tirelo Setshaba ba le 463 mme fa a itebaganya le Ipelegeng gone a tlhalosa fa maikaelelo ele go dira mananeo a farologaneng a le 92 mo kgaolong ya Bobirwa a itebagantse le ditlhabololo.
Makhanselara mangwe ba kopile gore maina a ditsela a nne le boleng eseng gore ditsela di bidiwe fela go sa lebiwa sepe. Bangwe ba boletse fa ba tshwentswe ke letlhoko la metsi le sepalamo mo dikokelwaneng tsa Gobojango, Semolale le Mabolwe fa kwa Motlhabaneng gone ba lela ka seemo sa tsela se ba reng se jesetsa morafe mo kgobedung.
Mogolwane wa MVA kwa Francistown Rre Keitumetse Nkala a re ba lemogile gore go isa ditlamelo kwa bathong le go ba ruta ka ipabalelo tseleng go botlhokwa mme e bile ke bontlha bongwe jwa go somarela matshelo a setsha kakaretso, a supa gore e tla a re mo bo gaufing ba tshware thuto puisano kwa Bobonong.
Mme Dikeledi Bolowe yo eleng mogolwane wa SHHA ene o tlhalositse fa kompone eo e simologile ka 1970 kwa ditoropong ka go adima setshaba P20 000 mme morago ya tsena kwa metseng selegae ka maikaelelo a gore mongwe le mongwe a nne le bonno.
O tlhalositse fa ba kopana le kgwetlho ya go sa buseng madi ga batho ba ba a adimileng go aga ditsha tsa bone. A re le ntswa ba ne ba supile fa ba na le leruo le ba tla a duelang ka lone ba bolela fa leruo la bone le bolailwe ke mopalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 30 Nov 2014