Banana ba Machaneng ba kopiwa go iphapa
30 Nov 2014
Banana ba Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong ba gwetlhilwe go iphapaanya le mekgwa e e maswe ka e ka ba senyetsa botshelo.
Mosimolodisi wa setlhopha sa mmino wa Setswana sa Tau tsa Lecha, Mme Bojosi Ramaabye o boletse fa setlhopha sa gagwe se itebagantse thata le banana ba ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le bosupa le masome a mabedi le bone mme e bile ba sa kgona go dira sentle mo dithutong tsa bone.
O supile gore le ntswa setlhopha sa gagwe e se sone fela se dirang maiteko a mo motseng oo, bontsi ja banana ba santse ba ikganeletse thata mo go nweng majalwa a masesanyane a a dirwang mo motseng gammogo le go inaakanya le ditiro tse dingwe tsa borukhutlhi.
Mme Ramaabye a re go tlhoka go dira sentle mo dithutong kgotsa go tlhoka mebereko ga bontsi ja banana, ga se phelelo ya botshelo ka go na le ditsela tse dintsi tse di ka fa molaong tse motho a ka inaakanyang le tsone go itshetsa.
O boletse gore mo nakong eno setlhopha sa gagwe se setse se amogela banana ba ba tswang kwa metseng e mengwe jaaka ya Lecheng, Makwate le Mathako mme a re o eletsa gore fa baeng bao ba tla go ba tlatsa ba bo ba fitlhela benggae ba tshwere setlhopha ka mashetla.
Mme Ramaabye o supile fa banana ba tshwanetse go emisa go itsalanya le nnotagi le borukhutlhi gonne boitshwaro jo, ga bona maduo a mantle. A re kgolegelo, go ima ga basetsana e se ka maikaelelo gammogo le go tsenwa ke malwetse ke dingwe tsa ditlamorago tsa boitshwaro jo bo sa eletsegeng. O tsweletse a re banana ba tshwanetse go itshwara sentle gore ba nne le seabe mo go direleng lefatshe leno tse dintle e seng gore ba lebe fela gore lefatshe le ba direle. Mme Ramaabye a re ntle le mmino wa Setswana, mo setlhopheng sa Tau tsa Lecha o fa banana dikgakololo ka boitshwaro.
O kaile fa setlhopha se, se itsege thata mo kgaolong ya bone ka se tshela se tsenelela dikgaisano tsa ga tautona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Puisano
Date : 30 Nov 2014