Mogokgo wa Mmutle o leboga batsadi
30 Nov 2014
Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong se sebotlana sa Mmutle kwa Sefhare ba lebogetswe go dirisana sentle le barutabana.
Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Mme Oreeditse Mogale o ntshitse tebogo e mo phuthegong ya bofelo ya ngwaga e e neng e tsenwe ke batsadi le barutabana bosheng, a bolela fa ba kgonne go dira go le gontsi thata mo sekolong sa bone ka ntlha ya kemonokeng ya batsadi.
A re gape o itumelela gore e rile fa ngwaga o simolola sekolo se ne sa kopa batsadi go duelela bana madi a ditlhabololo tsa sekolo a ngwaga le ngwaga mme ba dira jalo ka bana botlhe ba kgonne go duela.
Mme Mogale o tsweletse ka gore maduo a bana le one a a tokafala mme e bile a supa fa ba solofetse maduo a a nametsang a bana ba ba neng ba dira lekwalo la bosupa.
Fa a tswelela, Mme Mogale o kopile batsadi gore e seka ya re ka lengwe la malatsi ba kgojwa ke sengwe marapo ka gonne thuto e le bokamoso ja bana ba bone jwa sennela ruri.
O kaile gore mo ngwageng ono khansele e ne e sa ba thusa ka madi a go keteka letsatsi la kabo dimpho mme batsadi ba ne ba wa ba bo ba tsoga le barutabana gore bana ba ba dirileng sentle ba kgone go abelwa dimpho.
Mme Mogale o supile fa mo sekolong sa bone ba tshwenngwa fela ke boitshwaro ja baithuti bangwe ba basimane ba jaanong maitshwaro a bone a a sa siamang a gogela maduo a bone kwa tlase.
O boletse gore mme ka batsadi e ne e le gone ba rolelwang seemo se, o dumela gore ngwaga o o tlang fa dikolo di bulwa ba tla a tshwaraganela go se lwantsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya sekolo
Date : 30 Nov 2014