Breaking News

Go thusa mapodisi go ka tlhofofatsa tiro

30 Nov 2014

Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a kopilwe go ema mapodisi nokeng mo go lwantsheng borukutlhi.

E rile a bua kwa khanseleng bosheng, mogolwane wa mapodisi a District NO 8, Mme Sarah Gabathusi a tlhalosa fa batho ba sa dirisane le mapodisi sentle mme ba batla mapodisi fela fa ba tlhokana le thuso ya bone.

Mme Gabathusi o boletse fa ba tshwenngwa thata ke borukutlhi jwa go tsena ga diritibatsi segolo jang setlhatshana sa motokwane mo kgaolong eo se a reng  ba se fitlhela mo bathong mo dikgorong tsa lephata la matlhoko a leruo fa ba phuruphutsha. Mme Gabathusi a re borukutlhi jo bongwe jo bo tshwenyang ke jwa dipetelelo.

O tlhalositse fa ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya mapodisi mo Letlhakane, seemo  se a reng se bakiwa ke tlhaelo ya boroko jwa bodiredi , a tlatsa  ka gore ba na le lenaneo la go aga matlo a mapodisi a le 28 mo motseng oo.

O kaile fa gape  ba na le tlhaelo ya diofisi  mme  a re o kopile go senka lefelo le baka le hirisang go direla mo go lone. 

Ene yare ba mokgwa kgaba mokhanselara wa Khwee, Rre Keitumetse Gobotswang a re o tshwenngwa ke dipolaano tse di diragalang  kwa motseng oo.

Mokhanselara Gobotswang o kopile mogolwane wa mapodisi go tsibogela seemo pele ga malatsi a keresemose ka jaana ele nako e go itumelwang thata le tiriso ya ditagi ele kwa godimo ka jalo go bake dikgang tsa mothale oo. Mokhanselera wa Tsienyane Botlhaba, Mme Batoli Manyuni o supile fa ba tlhaelelwa ke  dikoloi tsa mapodisi  mo go dirang gore batho ba seka ba thusiwa ka bonako. 

Mme Manyuni a re ga ba itumedisiwe ke go tlhoka go duelwa ka nako ga baithaopi ba sepodisi mme  a supa fa seo ele selelo sa kgaolo yotlhe ka  makhanselara ka  bontsi ba  lemogile  seo mo dikgaolong tsa bone mme ba kopa gore ba sepodise ba potlakele go baakanya seemo seo.

Mo  go tse dingwe, makhanselara ba beilwe pele lenaneo la go tsena le go tswa mo kgaolong ga badirelapuso mme makhanselara a Boteti Botlhaba  ba supile fa  pego ya  teng e e sa supe babereki ba  Boteti Bophirima mme e bile  ba re ba na le kgwetlho ya babereki ba ba tsamaileng ba bo ba sa emisetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 30 Nov 2014