Bolwetse jwa sukiri bo tshwanetse go potlakelwa
30 Nov 2014
Go tlhalosiwa fa bolwetse jwa sukiri e le bongwe jwa malwetse a a tshabelelang bana thata.
E rile a ruta ka bolwetse joo kwa letsatsing la botsogo le tshwaretswe kwa Ramotswa bosheng, mooki kwa motseng oo, Rre Obuile Makwati a bolela fa mmele wa motho o tlhoka sukiri mme fa lebete le ntsha sukiri e ntsi kgotsa le sa e ntshe gotlhelele, go supa fa motho a na le bolwetse jwa sukiri jwa type 1.
O tlhalositse fa mofuta wa sukiri e, o tshabelela banana thata mme gape o le borai ka e le one o bolayang thata. Rre Makwati o tlhalositse fa mofuta o mongwe wa sukiri wa type 2 o tshabelela bagolo le batho ba ba sa ikatiseng, batho ba bakima le ba ba nang le kgatelelo ya maikutlo.
O boletse gape fa dipilisi dingwe tse di ka amang lobete di na le seabe mo go tsenyeng batho bolwetse jwa sukiri.
O boletse fa dingwe tsa dikai tsa bolwetse jwa sukiri e le go tshwarwa ke lenyora thata, go tshwarwa ke tlala thata, go tlhapologa kgapetsakgapetsa le gone go latlhegelwa ke mmele.
Mooki o tlhalositse fa dikai tsa bolwetse jo di kgona go itshupa ka bofefo, ka jalo go le botlhokwa gore batho ba bo itlhatlhobele go sa le gale.
Rre Makwati a re fa molwetse wa sukiri wa type 2 a tsaya dipilisi tsa teng sentle, a aja sentle a bo a itshidila mmele, o kgona go tshela lobaka.
O tlhalosa gore fa molwetse a sa nwe dipilisi tsa bolwetse jo sentle o ka tsenwa ke malwetse a mantsi a masesane, kwa bofelong diphilo di bo di amega mme molwetse a tsenwe ke bolwetse jwa go swa mhama.
Mooki o boletse fa mofuta wa sukiri ya type 1 o tlhoka go emelwa ka dinao thata ka molwetse a tlhoka go tsaya mokento tsatsi le letsatsi ka jalo a tlhoka thotloetso ya ba lolwapa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 30 Nov 2014