Breaking News

Botlhe ba tshwanetse go fema dikotsi

30 Nov 2014

Mogolwane wa lekalana la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Keitumetse Nkala o kopile setshaba ka kakaretso go tsaya karolo mo go fokotseng dikotsi tsa tsela.

Mo moletlong wa segopotso sa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela o o neng o tshwaretswe kwa Kedia mo kgaolong potlana wa Boteti bosheng, Rre Nkala a re go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, letsapa, go dirisa ditagi, tiriso ya mogala wa letheka le go gaisana mo tseleng ga bakgweetsi ke dingwe tsa dilo tse di gogang kwa pele go baka dikotsi tsa dikoloi tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo kgotsa di tlogelang bangwe ba na le bogole.

A re le fa lephata la ditsela le dipagamo le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng, dikotsi tsa dikoloi le melato ya tsela di tsweletse ka go diragala, jalo a gakolola batho gore fa ba palame dikoloi mme bakgweetsi ba siana thata, ba tshwanetse go ba gakolola gore ba fokotse lobelo mme fa ba  gana ba ba kope  go ba folosa go somarela matshelo a bone.

Rre Nkala a re le fa dipalo di supa gore go na le phokotsego ya dikotsi monongwaga go na le tsa ngogola, seemo sa dikotsi se a tshwenya ka jaana go latlhegelwa ke motho a le mongwe mo kotsing ya tsela ke tatlhegelo e kgolo mo go ba losika le lefatshe.

O gakolola batsamaya ka dinao go apara dilwana tse di nang le mebala e e bonalang fa go le bosigo gore bakgweetsi ba kgone go ba lemoga. 

O gakolotse batsadi gore ba seka ba letlelela ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano go kgweetsa sekotsekara, a tlatsa ka go re batho ba tshwanetse ba tsenye dikotsekara dipanyapanya gore di bonale fa ba tsamaya ka tsone bosigo.

 Rre Nkala o ba rotloeditse go ipopa ditlhopha go dira dikomiti tsa ipabalelo tseleng mo motseng mme morago ba itshwaraganye le ba MVA gore ba ba thuse ka madi le go ba rutuntsha gore ba kgone go tsamaisa dikomiti tsa go nna jalo.

Modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo a re ba tshwenngwa ke dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya Boteti, segolo jang kwa Letlhakane ka ba gatisitse dikotsi di le makgolo mabedi, masome a fera bobedi le bosupa fa e sale ka Hirikgong monongwaga, mo go tsone go tlhokafetse batho ba lesome le boraro kwa Letlhakane ba le batlhano ba teng e le batsamaya ka dinao fa kwa Orapa go tlhokafetse ba le babedi.

Superintendent Khumo a re gantsi batho ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela ke banana ka bangwe ba abo ba se na diteseletso tsa go kgweetsa, a tlatsa ka go kopa batsadi go emisa go neela bana dikoloi.

Kgosi wa Kedia, Rre Simane Akanyang o lebogile lephata la ditsela le dipagamo go  bo ba tlhophile motse wa bone go tshwarela moletlo o mo go one gore  ba tle ba kopanele mathata a dikotsi tse di gapang matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa segopotso

Date : 30 Nov 2014