Breaking News

Letsema le tsweletse sentle kwa Serowe

27 Nov 2014

Radijwalo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Gositang Kangangwane, a re letsema mo kgaolong ya gagwe le tsweletse sentle mo go itumedisang.

O boletse mo potsolotsong bosheng gore balemi mo kgaolong ya gagwe ba ikiteile ka thupa go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha tse di neng tsa tshologa bosheng.  

A re fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ka iketleetsa go lema ka thata mo dipuleng tse, go tla ba sologela molemo fela thata ka jaana e tla re nako ya dipula di nna boutsana dijwalo tsa bone di bo di setse di itshwareletse.  

O rotloeditse balemi go inaakanya le go lema dijwalo tse di bogadi bo gaufi di tshwana le mabele le dinawa ka jaana di sa tshabelelwe ke letsatsi jaaka mmidi.

O tlhalositse fa balemi ba ba ikwadiseditseng go lema ka lenaneo la ISPAAD mo kgaolong ya gagwe ba le 2900 mme ba ikemiseditse go thusa balemi ba le 5000 ka lenaneo leo. Rre Kangangwane o gateletse gore balemi ba dirise temo ya segompieno ka jaana e le yone e duelelwang mono ngwaga, a tlatsa gape ka go tlhalosa fa e na le maduo fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo ya go lema motho a gasa.

O tsweletse a tlhalosa fa puso e duelela go lema ka ditselana le go sega P1 160 tema e le nngwe, a tlatsa ka gore ba duelela balemi ba ba botlana ditema di le tlhano fela. 

O supile fa ba kopane le dikgwetlho tsa letlhoko la dipagamo go isa dipeo kwa baleming mme ba tswa ka leano la gore balemi ba neelwe dikarata tse mo go tsone ba letlelesegang go ya go ithekela dipeo kwa marekisetsong a tsone. 

A re se se thusitse fela thata ka balemi ba kgonne go bona dipeo ka nako go na le gore ba letele gore di tsisiwe kwa go bone jaaka e le tlwaelo.

O supile fa mono ngwaga ba kgonne go rutuntsha boraditerekere ba le 268 mo go tsa tlhabololo mmu le tiriso ya menontshane mo temong go na le ba ngogola ba le 215. Fa a itebaganya le balemi ka tsa tiriso ya dichefi go lwantsha mohero, Rre Kangangwane o ba gakolotse go dirisana le ba bolemisi nako le nako gore ba tsaye bogakolodi ka tiriso ya tsone ka jaana di le borai mo matshelong a batho fa di ka seke tsa dirisiwa ka fa tshwanelong.

Le fa go ntse jalo, Rre Kangangwane o akgoletse balemi ba kgaolo ya gagwe go tshologela go tsaya menontshane ka dipalo tse di kwa godimo.  

A re se se supa fa thuto ya temo ya segompieno e ba tsweletseng ka go e gasa mo setshabeng e rothegela mo go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2014