Breaking News

Ba akgoletswe mowa wa bopelotlhomogi

27 Nov 2014

Babereki ba sekolo se se botlana sa Tawana kwa Orapa ba akgoletswe go supa mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go agela bana ba mawelana ntlo ya dikamore tse tharo.

E rile a bua kwa pulo semmusong ya ntlo eo bosheng, mogolwane wa Botswana Chamber of Mines Rre Charles Siwawa a bolela fa a leboga babereki ba sekole seo ka  mogopolo wa  bone  wa  go simolodisa lenaneo la kago eo ka 2007.

Rre Siwawa a re ntlo eo, e agetswe bana bao ba eleng basimane ba babedi le mosetsana ka ba tlhokile lesego gonne ba tlhokafaletswe ke mmabone fa a sena go belega mme mo nakong eno ba tlhokomelwa kwa SOS kwa Francistown. 

O tsweletse a re le ntswa ba kopane le dikgwetlho ba atlegile mo go ageng ntlo ya seemo se se kwa godimo ya bo ya gokelwa metsi le motlakase.

O tsweletse a re babereki bao ba dule ka mogopolo wa go tlhokomela bana ba mme ba laletsa setshaba le ba-na-le seabe ka kakaretso ba ba neng ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo go dirileng gore tiro e atlege. 

Rre Siwawa a re lehuma le ntsha motho seriti ke sone se tautona wa lefatshe leno a itlamileng go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo go fitlhelela tebelopele ya 2016.

E ne yare a fa lefoko la kgothatso, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a rotloetsa bana bao go nna le tsholofelo mo botshelong ka kitso ya gore go latlhegelwa ke motsadi ga go reye gore ba setse ba le nosi  ka Modimo o na le bone.

Tona Tsogwane a re Modimo o dira tiro ya one a dirisa batho jaaka setshaba se kopane go supa mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela bana ntlo ka ba ne ba bona gore ba tlhoka thuso, a re go dira jalo go ba ntshitse lehuma le bosiela. 

O tsweletse a rotloetsa ba ba nnileng le seabe mo kagong e go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Mongwe wa barutabana, Mme Baba Moloi a re Mme Anna Maswikiti le ba lelwapa la gagwe ba ne ba ba bona bana bao kwa sepateleng sa Orapa mme go tlhalosiwa fa mmaabone a ba tlogetse, jalo ba itlama go ba thusa. 

A re ba kokoantse madi ka ditsela tse di farologaneng mme ba kgona go fetsa ntlo ka tshwaragano le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKENG

Event : Pulo semmuso ya sekolo

Date : 27 Nov 2014