Breaking News

Tona o kopa tshwaragano ya makhanselera

27 Nov 2014

Makhanselara a kgaolo ya Kweneng ba kopilwe go seegela thoko dipharologano tsa bone tsa sepolotiki mme ba tshwaragane go tlhabolola kgaolo ya Mokwena.

E rile a bula semmuso thutuntsho ya makhanselara a kgaolo ya Kweneng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a gakolola makhanselara go itisa mo dikgannyeng tse di sa ba tshwaraganyeng mme a ba rotloetsa go eteletsa dikeletso tsa setshaba pele go na le maikutlo a bone.

A re go le gantsi baemedi ba sepolotiki ba kgona go kgala dikgang tsa botlhokwa tse di ka thusang go tlhabolola fela ka gore ke megopolo ya ba ba sa dumalaneng le bone mo dikgannyeng tsa sepolotiki, a supa fa seo se ka busetsa morago maiteko a go tlhabolola dikgaolo tse ba di emetseng le matshelo a batlhophi ba bone. 

Mothusa tona o gakolotse le go kopa makhanselara ba bontsi jwa bone eleng banana go kgatlhegela go ithuta dilo tse di ka thusang mo go tlhabololeng matshelo a batlhophi ka go sala tsamaiso morago. 

O bile a gatelela botlhokwa jwa go dira ka neelano le bodiredi gore ba kgone go fema dikgang tsa go gotlhagotlhana, a supa fa seemo seo se ka sesafatsa tirisano le go kgoreletsa ka fa ditlamelo di tshwanelang go ntshiwa ka teng.

Mme Tshireletso yo gape eleng mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, a re moemedi wa popota ke yo o lwelang popagano ya setshaba ka go hema makgamu gore a kgone go fitlhelela ditoro tsa gagwe. 

O rotloeditse makhanselara go tsaya ka tlhoafalo thomo e ba   batlhophi ba e ba beileng pele.

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa pele wa kgaolo ya Thamaga Botlhaba Rre Basi Kontle fela jaaka mothusa tona o gakolotse ka botlhokwa jwa popagano go tlotla dikeletso tsa batlhophi. 

O rotloeditse ka botlhokwa jwa go tshwaragana le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikomiti tsa ditlhabololo mme a ba kopa gore ba seka ba  di ikgagapelela gore ba kgone go bona tlotlo mo morafeng o ba o eteletseng pele.  

Dingwe tsa dikgang tse Rre Kontle a supang fa di tshwanelwa go kgwiwa mathe ke tsa go ratana le bodiredi, a supa fa go dira jalo ele go itiga seriti le gone go kgoreletsa maikaelelo a go tsamaisa ditiro tsa ditlhabololo, go laolesega ga bodiredi gammogo le go ntshiwa ga ditirelo. 

A re go botlhokwa gore bodiredi bo itlwaetse go bala go anywa dikitso gore bo kgone go dira tiro ya jone ka manontlhotlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE­

Event : Thutuntsho ya makhanselara

Date : 27 Nov 2014