Banana ba UCCSA ba kokoanya madi
27 Nov 2014
E rile ka mafelo a beke banana ba kereke ya UCCSA kwa Serowe ba bo ba dirile mogwanto wa go kokoanyesta kereke eo madi.
Fa a bua morago ga mogwanto oo, moeteledipele wa mokgatlho Mme Leteng Bommotse o tlhalositse fa ba bone go le mosola gore ba thuse bagolo ba kereke ya bone bogolo jang mokgatlho wa bomme go kokoanya madi a go tlhabolola kereke eo.
Mme Bommotse a re fela jaaka maloko a kereke le bone ba bone go le botlhokwa gore ba nne le seabe mo ditlhabololong tsa kereke ya bone, a tlatsa ka gore madi a a kokoantsweng ao a tsile go thusa go aga holo le sekole sa bananyana.
A re e re le ntswa mokgatlho wa bone o na le sebaka sa ngwaga fela mo kgaolong ba bone gore ba seka ba ipona tsapa mme ba simolole go dira gore mokgatlho o gole. Mme Bommotse a re ba ikaelela go godisa mokgatlho wa bone fela thata le go thusa e seng fela mo kerekeng le mo setshabeng ka kakaretso.
O tlhalositse gore ba ikaelela go thusa thata ba-na-le bogole ba ba mo kerekeng ya bone le ba ba kwa ntle ka go ba dirile sengwe, a tlhalosa gore ba tla bo ba diretse mo-na-le bogole mongwe moletlo wa keresemose mo bogaufing.
O kopile dikompone, mekgatlho le botlhe fela ba ba kgonang go ba thusa go tlhabolola kereke ya bone le go thusa mo setshabeng go tshwaragana le bone.
A re fa botlhe ba ka tshwaragano go thusa go lwantsha lehuma, tsotlhe tse di sa siamang mo botshelong di ka fenngwa. Mogwanto oo, wa dikhilomithara di le lesome o ne o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Young Adult Movement gone mo Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Mogwanto wa go kokoanya maid
Date : 27 Nov 2014