Breaking News

Letsatsi la ipabalelo tseleng le botlhokwa

27 Nov 2014

Bakgweetsi, badirisa tsela le setshaba ka kakaretso ba kopilwe go tsaya tsia letsatsi la ipabalelo tseleng ka le diretswe go tsibosa setshaba le go gasa molaetsa le gone go gopola ba ba tlhokafetseng  ka lebaka la dikotsi tsa tsela gammogo le ba- na- le bogole ka ntlha ya go amega mo dikotsing tsa tsela.

E rile a bua mo puisanong bosheng, moeteledipele wa lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng mo Kgalagadi Borwa, Rre Lyon Nthebolang o tlhalositse fa letsatsi leo le simolodisitswe morago ga go lemoga matshwenyego a puso le setshaba ka kakaretso a dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno.

O kaile fa letsatsi leo le ketekwa pele mo kgaolong e le nngwe mme a re monongwaga le ne le tshwaretswe kwa Nata mo kgaolong ya Chobe.  O tsweletse a re mme morago letsatsi leo le anamela mo dikgaolong tse dingwe.  

Rre Nthebolang   o supile fa dipalo tsa banana ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela di le kwa godimo fa go tshwantshanngwa le tsa bagolo a tlhalosa fa seo e le matlhotlhapelo le bohutsana ka puso e sala e tshwere phage ka mangana ka go tlhokomela ba malwapa a a latlhegetsweng, dikhutsana le ba-na-le bogole morago ga go amega mo dikotsing tsa tsela.

 A re jaanong go mo maruding a bakgweetsi, badirisa tsela le setshaba  gore morago ga go tsaya molaetsa  go  nne le pharologanyo mme seo se ka supa fela ka go fokotsega kana go tlhoka go nna teng ga dikotsi gotlhelele. 

Rre Nthebolang o tlhalositse fa letsatsi la ipabalelo tseleng la monongwaga le tla tshwarelwa kwa motseng wa Bokspits ka setlhogo,’ Lebelo le a bolaya, kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang’

O kaile fa mo nakong eno ba setse ba le malala alaotswe ka ba bopile dikomiti tse di farologaneng go baakanyetsa moletlo oo le gone go rurifatsa le go baakanya tsotlhe tse di tla tlhokafalang ka letsatsi leo.  O rotloeditse le go kopa setshaba go ya ka makatlanamane kwa letsatsing leo go ya go itseela ka tsebe molaetsa wa botlhokwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Puisano

Date : 27 Nov 2014