Makhanselara a Selebi Phikwe a simolola tiro
26 Nov 2014
E rile bosheng makhanselara a toropo ya Selebi Phikwe a le lesome le borataro a bo a ikanisiwa ke molaodi wa toropo eo Rre Opelo Modimoopelo.
Fa a ba ema ka lefoko, mokwaledi wa khansele ya Selibe Phikwe Rre Poloko Mojalemotho o tlhalositse gore ba gorogile ka nako e e maleba e khansele eleng mo thulaganyong ya go dira moalo wa lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le bongwe, o solofela fa ba tla a goga mmogo mo thulaganyong ya go dira jalo.
Rre Mojalemotho o tlhalositse gore go ntse go le bokete mo go bone e le ba khansele morago ga go phatlaladiwa ga makhanselara go ya go ipapaletsa ditlhopho ka gone go sena se ba ka se dirang mo boseong jwa makhanselara. Rre Mojalemotho o tlhaloseditse makhanselara gore ba tshwanetse go dira ka natla segolo jang mo go tse ba di solofeditseng batlhophi.
Rre Mojalemotho o kgothaditse makhanselara go bereka thata le bodiredi jwa khansele le badirelapuso gore tiro ya bone e tle e nne motlhofo. Makhanselara a a lesome le borataro ka palo ba akaretsa ba Botswana Democratic Party ba ferabobedi, ba le barataro ba Botswana Congress Party fa ba le babedi e le ba ba tlhophilweng ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae.
E rile a leboga, mothusa mokwaledi wa khansele ya Selibe Phikwe, Rre Shadrack Selelo a tlhalosa fa ele la ntlha ba tsaya boikarabelo ja go ikanisa makhanselara ka jalo e ne e se tiro e e motlhofo.
Rre Selelo o tlhaloseditse makhanselara gore se ba neng ba se dira e ne e le go itlama gore ba tla a direla setshaba se se ba romileng ka botswapelo e bile ka nako tsotlhe ba tshegetse se ba se ikanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Go ikanisiwa ga makhanselara
Date : 26 Nov 2014