Ba kopilwe go sola bokgola molemo
26 Nov 2014
Balemi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba gwetlhilwe go sola molemo bokgola jwa pula e e neleng bosheng le go lema ka ditselana gore ba akole thobo e e botoka.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, rabalemisi wa kgaolo eo Rre Suberee Kapeko a tlhalosa fa bokgola jwa pula e e neleng bosheng bo lekane gore balemi ba ka lema.
Rre Kapeko o tlhalositse fa kgaolo ya Kgalagadi e tlhorontshiwa thata ke pula e e boutsana ka jalo balemi ba patelesega gore ba leme pula e santse e solofetsa gore ba kgone go bona thobo e e botoka. O tsweletse ka go gwetlha balemi go lema ka ditselana, a bolela fa go dira jalo go ka ba thusa go ntsha thobo e ntle fela thata.
O tlhalositse fa go lema ka ditselana go thusa go tokafatsa tlhokomelo ya dijalo, mme e bile go nna motlhofo mo moleming go dira ditiro tsa mo tshimong jaaka go tlhagola le gone go kganela diji tota. Rre Kapeko o tlhalositse gape gore go lema ka ditselana go thusa thata mo thobong ka gore go tlhofofatsa go dirisiwa ga didirisiwa tsa temo mme thobo e nne bofefo.
O kaile gape fa balemi ba tshwanetse go lema ka ditselana gore ba kgone go bona dithuso tsa lenaneo la ISPAAD.
Rre Kapeko o kopile balemi go ikgolaganya le lephata la temo gore ba abelwe dipeo le menontshane, a tlhalosa fa lephata le setse le simolotse go di aba mme go lebega balemi ba goga maoto go ya go tsaya dithuso tsa go nna jalo.
A re le fa ntswa go nale tlhaelo ya diterekere, ga ba a tshwanela go nyema moko mme ba tshwanetse go dirisa digogi tse dingwe jaaka ditonki go simolodisa le go tsweledisa tiro ya bone ya go lema. Rre Kapeko o kopile balemi gore ba leme dijalo tse di bogadi bogaufi e bile di sa tlhoke metsi a mantsi gape di kgona go emelana le mogote o montsi wa kgaolo.
Rre Kapeko o galaleditse balemi ba kgaolo eo fela thata ka a re ba pelotelele mo temong e bile ba ikiteile sehuba go emelana le dikgwetlho tsa temo. A re ba dira ka natla go lwantshana le seemo sa kgaolo ka jalo ba etela lephata la temo kgapetsakgapetsa go anywa botsipa jwa go se fenya.
A re kgaolo eo e aperwe ke tlhaelo ya didirisiwa tsa temo jaaka diterekere le tse dingwe, mme balemi ga ba ipone tsapa go ya tshimong ba ya go lema ka bonyennyane jwa didirisiwa jo bo leng teng.
O boletse fa selo se e le maiteko a mantle go tswa mo letlhakoreng la balemi mme ba tshwanetse go akgolwa fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 26 Nov 2014