Molaodi o gwetlha setshaba go itlhokomela
26 Nov 2014
Setshaba se gwetlhilwe go somarela botsogo jwa bone gore ba kgone go tshela botshelo jo bo babalesegileng.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la botsogo bosheng, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse Rre Ernest Phiri o gakolotse badiredi gore go botlhokwa gore batho ba itshidile mebele gore botsogo jwa bone e nne jo bo itumedisang.
O gwetlhile bodiredi jotlhe go itshekatsheka go bona gore a ba tshela botshelo jo bo siameng kana jo bo ka ba bakelang malwetse. Rre Phiri a re go le gantsi batho ba tshabelelwa ke go nna ka maikutlo a a sa iketlang a a feletsang a ama botsogo jwa bone.
Ka jalo o kopile bodiredi gore ba nne ba kgaogana matshwenyego a bone le balekane go ikimolola morwalo wa dikakanyo.
Rre Phiri a re modiri o tshwanetse go rata tiro ya gagwe e bile a e dira ka nako, a tlhalosa gore go sa dire tiro ka nako e e beilweng go baka gore tiro e kokotlegele mme yo o e dirang a felele a dira ka maikutlo a a sa ritibalang.
Mo go tse dingwe, mothusa molaodi a re modiri o tshwanetse go nna le botsalano le tikologo ya tiro ya gagwe ka jaana go dira mmogo go ka thusa go ntsha maduo a eletsegang go na le fa motho a dira a le nosi mo a supileng go sa ntshe maduo a a nametsang.
Mooki wa kokelo ya Sbrana, Mme Kgomotso Tidimalo a re motho yo o itekanetseng tlhaloganyo o bereka sentle, maikutlo a sa fuduega.
A re dilo tse di bakang gore tlhaloganyo e seka ya itekanela di akaretsa ditagi le majalwa tse a reng di ama thata bana ba dingwaga tse di kwa tlase. Mme Tidimalo a re go tlhoka go ja sentle go ka ama boboko mme go bake bolwetse jwa tlhaloganyo. O tsweletse ka gore dingwe tsa dikgwetlho e ka nna matshelo a selegae jaaka manyalo a a sa iketlang.
O kgothaditse setshaba go ithuta go buisana le balekane ba bone fa ba na le mathata go itsa seemo sa go kokotletsa botlhoko ka kwa teng, a re se se ka dira gore motho a felele a lwala bolwetse jwa tlhaloganyo.
O tlhalositse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke malwetse a tshwana le jwa HIV/AIDS, kankere, bolwetse jwa sukiri gape bo kgona go tsena ka segotso mo lesikeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Moletlo wa go ipelela letsatsi la botsogo
Date : 26 Nov 2014