Breaking News

Mokgatlho o ipapanne

26 Nov 2014

Moeteledipele wa lekgotla le le itebagantseng le go tsholetsa lentswe la bomme wa Voice of Women kwa Mahalapye, Mme Connie Nshimwe a re ba ipapanne go tlhabantsha kgokgontsho ya bong segolo thata ba itebagantse le bomme le bana ba basetsana ba e leng bone ba amiwang thata ke kgokgontsho mo malwapeng.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Nshimwe o tlhalositse fa mo malatsing a  a lesome le borataro a go tlhabantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ba itlamile gore ba eme ka dinao go buisa diphuthego mo motseng wa Mahalapye le e e mabapi, ba itebagantse le setlhogo se se reng ‘Kagiso go tswa mo lwapeng, e tsala kagiso mo lefatsheng, a re emiseng kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ba basetsana.’

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tla a bo ba itebagantse le go sokolola maikutlo le ditlhaloganyo tsa borre, ka maitemogelo a gore ntle le bone ba ka se fitlhelele maikaelelo a bone a go fedisa dikgang tsa kgokgontsho ya mothale o.

Mme Nshimwe a re ba tsweletse ka go sukunyolola dilo dingwe tsa ngwao tse e leng tsone di dirang gore kgokgontsho e jwelele, e bile di isa lentswe la ga mme kwa tlase mo setshabeng ka jalo di tsisa kgatelelo. 

A re ba tsweletse ka go rera kagiso mo malwapeng ka ba lemogile fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi, e bile di ama thata bomme le basetsana.

O ikuetse mo go bomme le basetsana go bega dikgang tsa kgokgontsho kwa go ba sepodise le bommaboipelego, a bo a ba gwetlha gore ba se nne go fitlhelela dikgang di kekele  e bo e le gone ba tsayang kgato.

Mme Nshimwe a re ba tla a tswelela ka go ruta setshaba ka melao e e leng teng gore ba e tlhaloganye, a nankola ka wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008, o o akaretsang tshireletso ya dikgang tsotlhe tsa borukutlhi ja kgokgontsho ya bong.

A re lekgotla la gagwe le kgala le sa kgwe mathe kgokgontsho ya bong e bile ba na le keletso ya gore ka 2016 motho mongwe le mongwe a bo a itekanetse e bile a na le kitso  ya gore kgokgontsho ya bong e raya eng.

 O kaile gape fa seemo sa kgokgontsho ya bomme mo manyalong e le se se ngomolang pelo, a re mo malatsing ano fa ngwana wa mosetsana a tsena mo nyalong e e senang kgokgontsho e ya bo e le lesego, a tlatsa ka go tlhalosa fa bomme ba tshwere phage ka mangana mo manyalong sebe sa phiri e bo e nna gore ga ba kgone go ntsha lentswe jalo ba felela ba swela mo teng.

Ka jalo o kopile batsadi go aga botsalano le bana ba basetsana gammogo le go ba naya lerato ka nako tsotlhe gore ba seka ba jewa ke batho ka maleme mo ditseleng ba re ba a ba rata ntswa ba batla go ba dirisa le go ba kgokgontsha. 

A re fa bana ba ka lemoga lerato go tswa mo batsading  ba tsile go itse gore fa motho a rata yo mongwe o tshwanetse go mo tsaya ka tsela e e ntseng jang ka jalo ba kgone go falola dilalome tse di tlang di phuthetse kgokgontsho ka lorato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Nov 2014