Thuto ke kgatsi ya tsie
25 Nov 2014
Batsadi kwa Poloka mo kgaolong ya Shoshong ba kgothaditswe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana gore ba kgone go bona maduo a a itumedisang.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a a itumedisang a lekwalo la bosupa a ngogola, mokwaledi mogolo wa ga tautona, Brigadier George Tlhalerwa a re ope fela yo o mo maemong a rileng, fa a ne a sa ela thuto tlhoko o ka bo a se mo go one mo nakong eno.
Brigadier Tlhalerwa o boletse fa go le botlhokwa gore bana ba tseye thuto tsia mme segolo bogolo a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone.
A re seabe sa motsadi se botlhokwa mo go rutegeng ga ngwana ka gonne fa motsadi a sa kgatlhegele thuto ya ngwana wa gagwe ga go na sepe se se molemo se se ka tswang mo moithuting yoo.
Brigadier Tlhalerwa a re thuto e botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno go sa kgathalesege gore motho o dira kae. O boletse gore le badisa tota ba tshwanetse ba bo ba itse maina a mekento jalo go solofelwa gore ba bo ba badile go ka farologanya melemo eo.
A re go tsena sekolo go fa motho lesedi la gore motho a kgone go itse pharologano fa gare ga bomolemo le bosula.
Brigadier Tlhalerwa o akgotse bana ba 2013 go bo ba dirile bontle a re maduo a bone a tsholeditse leina la sekolo le motse mme e bile go supa fa batsadi le barutabana ba tshwaragane.
A re e re ka maduo a ngogola a ne a le mantle o solofela gore bana ba ba kwa tlase ba thusiwe gore ba fitlhelele maikemisetso a bone e tle e tsoge e le tshaba e e rutegileng e kgona go itirela. Mo go tse dingwe, Brigadier Tlhalerwa a re le fa ntswa motse wa Poloka o le monnye mme maiteko a one a a bonala.
O akgotse badirela puso ba ba kwa motseng oo go bo ba tshwere ka thata go tsisa ditlhabololo mo go one. O kopile banni go mo dirisa mo dikeletsong tsa bone go tlhabolola motse oo.
O ithaopile go amogedisa morutabana wa sekolo sa bananyana P500 kgwedi le kgwedi lebaka la ngwaga a ba a abela sekole seo paka ya kgwele ya dinao ga mmogo le dibolo.
Sekolo sa Poloka se ne se ipelela maduo a mantle a 2013 mme e bile se ipelela le go amogelwa semmuso ke lelwapa la ga Rre Chatanga Moloi ka lenaneo la Adopt a School. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa go ipelela maduo
Date : 25 Nov 2014