Breaking News

Bakgweetsi bangwe ba tlola molao

25 Nov 2014

Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Bobonong ba re ga ba itumelela boitshwaro jwa bakgweetsi bangwe ba ba rwalang setshaba e seka fa molaong.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mongwe wa bakgweetsi ba ba rwalang setshaba Rre Patrick Ngala a re ga a jesiwe diwelang ke bangwe ba bakgweetsi ba ba rwalang setshaba ntswa ba sena diteseletso tsa go dira tiro eo. 

O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba bakgweetsi ba, ba dirisa dikoloi tse di senang lekgetho fa bangwe ba kgweetsa dikoloi ba sena ditlankana tsa go kgweetsa Rre Ngala a re go le gantsi fa go tla nako ya go rwala setshaba, go tsoga dikgotlhang fa gare ga bone le bangwe ba bakgweetsi ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa ba ba tlwaelesegile ka leina la ‘machandisa’.

O supile fa bomachandisa ba ba fa phadisano e e mashetla thata mo maemelong a dibese mo Bobonong ka gore ntswa ene a neetswe teseletso ya go rwala setshaba sebe sa phiri ke gore ga a kgone go bona dipoelo tse di nametsang mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi.

Mokgweetsi yo mongwe, Rre Keeme Baruti a re matshwenyego a a nang le one  ke gore fa go tla nako ya go rwala setshaba bomachandisa bone ba latela batho kwa dibese di emang teng ka go bo ba sena lefelo le ba emelang batho teng.  

Rre Baruti o kopile ba lephata la dipalamo tsa setshaba gammogo le ba sepodise go ba ema nokeng go lwantsha kgang ya bakgweetsi ba ba rwalang setshaba ba sena diteseletso.

Fa a latlhela la gagwe mogolwane wa sepodise mo Bobonong, Rre Michael Maphephu o supile fa kgang ya go rwala setshaba ntle le teseletso e tshwenya  fela thata a ba a supa fa ba tla tseela batho ba ba dirang jalo dikgato tse di masisi.

Rre Maphephu o supile fa ba tla ela tlhoko seemo sa batho ba gwebang ka dikoloi ntle le molao a ba a supa fa ba tla simolola go etela kwa maemelong a dibese go lekola seemo.

A re ele ba sepodise ba tla simolola go neela lepodise lengwe le lengwe tetla ya go tshwara mongwe le mongwe yo o ka fitlhelwang a rwala setshaba ntle le teseletso ya ba molao.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 25 Nov 2014