Ba kopiwa go ema kgosi nokeng
25 Nov 2014
Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o kopile dikgosi kwa Tswapong go ema nokeng moemedi wa bone wa ntlo ya dikgosi yo mosha, Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Rabakane o boletse fa go le maleba gore dikgosi ka go farologana di eme yo ba mo tlhophileng nokeng gore a dire tiro ya gagwe ka botswapelo. O boletse fa Kgosi Modise a tsaya mo go Kgosi Sello Moroka wa Lerala.
Mo ditlhophong tseo, tse di neng di tshwaretswe kwa Lerala, go ne go gaisana dikgosi di le tlhano e leng Rre Bokopano Koodibetse, Sello Moroka, Balebetse Moloko, Obert Thutlwa mme Rre Modise a bona batlhophi ba bantsi go feta ba bangwe.
Le fa go ntse jalo, Mme Rabakane o tlhalositse fa ditlhopho tseo di ne di tsamaya sentle mme botlhe ba ba neng ba eme ba amogetse maduo ba bo ba solofetsa fa ba tla a ema yo ba mo tlhophileng nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2014