Letsema le thata ka mong wa lone
25 Nov 2014
Banana ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba rotloeditswe go kgaratlhela go goga kwa tlhogong maiteko a go tokafatsa matshelo a bone.
Fa a bua kwa pitsong ya banana ba kgaolo eo bosheng, mogolwane wa lephata la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong eo, Rre Mbiganyi Magina o gwetlhile banana go lemoga fa e le bone ba tshotseng selotlolo sa matshelo a bone, ka jalo ba tshwanetse go tsaya ka tlhoafalo dipitso tsa mothale o le sebaka sepe fela se ba ka nnang le sone mo botshelong sa go abelana maele a ka fa ba ka itlhabololang ka teng.
Rre Magina o tlhalositse fa maikaelelo a pitso eo e le go fa banana sebaka sa go buisana ka bobone ga mmogo le go tshwaraganela dikgang tse di ba amang le bodiredi gore ba kgone go betla tsela e e botoka ya bokamoso jwa bone.
A re phuthego eo gape e rutile banana ka dilo tse di tlhokafalang mo go simolodiseng kgwebo di akaretsa diteseletso le ditsetlana tse di tshwanetseng tsa elwa tlhoko mo go tlhomeng kgwebo ntle le go gotlhagotlhana le molao.
A re pitso eo e fa banana sebaka sa go nonotsha ka fa ba ratang lefatshe la bone ka teng, selo se a boletseng fa se tlaa thusa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa bone o dira go lekanye go tlhabolola lefatshe leno.
Mme Grace Otsweletse le ene a tswa mo lephateng leo, o rotloeditse banana go dirisa ka botlalo mananeo a puso e a tlhametseng go ba thusa.
Mananeo ao, a a akaretsang la Tirelo Setshaba, la dithuso tsa madi a go simolodisa dikgwebo, la dikgaisano tsa botaki tsa dikgaolo tsa botlhophi ga mmogo le la dikgaisano tsa ga Tautona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Pitso ya banana
Date : 25 Nov 2014