Monna mongwe o thukuthilwe diketekete
25 Nov 2014
Setshaba se tlhagisiwa gore ba seka ba neela batho ba ba sa ba itseng dithoto tsa bone jaaka dibeke le megala ya letheka.
Tlhagiso e ntshitswe ke mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana mo potsolotsong bosheng morago ga gore monna mongwe a tseelwe P18 800 ke banna ba le babedi.
Supt Konyana a re rre yoo a re banna ba babedi bao ba ne ba mo solofetsa tiro mme ba kopa go mo tshwarelela beke gore a ye go apara diaparo tsa itshireletso pele a ka simolola tiro. O tlhalositse fa rre yoo a ne a tlhoka motho kwa go neng gotwe a ye go tsaya diaparo teng mme ya re fa a boa a fitlhela banna bao ba tsene ka lenga la seloko.
Supt Konyana a re rre yoo a re fa a ka bona banna ba babedi bao o ka ba itse, gape a re banna bao ba ne ba re ba tswa kwa dikhamphaneng dingwe tsa megala ya letheka mme ba na ba di bapatsa.
E re dikgang di eme jalo, Rre Konyana a re lekawana lengwe le itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe yo e leng mokapelo wa tsala ya gagwe kwa Lotlhakane East.
Supt Konyana a re go utlwala fa mosetsana a ne a ile kwa mokapelong wa gagwe mme mokapelo wa mosetsana yoo a ya maitisong le ditsala tsa gagwe ba tlogela wa mosetsana a le esi mo lwapeng.
Go tlhalosiwa fa e rile moragonyana yo mongwe wa ditsala a tlogela ba bangwe kwa maitisong mme a boela kwa mosetsaneng jalo go belaelwa fa a ne a betelela mosetsana a sena go mo supa ka thipa. Supt Konyana o tlhalositse fa mo nakong eno ba ise ba tshware mmelaelwa yoo.
O tsweletse a bolela fa dirukutlhi dingwe di thubile marekisetso a Furnmart mo Kanye ka Mosupologo bosigo mme ba seka ba tsaya sepe. Supt Konyana a re go belaesega dirukutlhi tseo di ne tsa kgoreletsega tsa sia fa di sena go bona dipone tsa koloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2014