Breaking News

Dinotshi di tlodisa molatswana

25 Nov 2014

E re ntswa batho bangwe ba tshaba dinotshi lebaibai, bangwe bone ba di rua e le tsela ya go itshetsa.

Rre Mosimanegape Matlho yo e leng monana o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang gore o sale a nna le lerato la go rua dinotshi le dikolobe a sale kwa sekoleng se segolwane. 

A re o beile dinotshe mo mabokosong a le mabedi.  A re o leboga morutabana wa gagwe Mme Molefe go tswa kwa Mookami JSS le lenaneo la dithuto le le rutang ka thuo le go tshwara dinotshe. O tlhalositse fa thuto e le yone konokono ka kwa ntle ga thuto batho ba ka palelwa ke go dira sepe fela. 

O tsweletse a re go rua dinotshe go batla motho yo o tlwaetseng go dira ka diatla e bile a sa itsape. Rre Matlho o tlhalositse fa thuo ya dinotshe e siame ka di bereka mmogo go dira mamepe a a felelang a ntsha tswina, e e ka dirisiwang go loka tee kgotsa go tshasa borotho.

A re o ikuetse mo go ba lephata la banana go mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe jalo o solofetse gore ba mo tswe thuso ka a kile a ikopanya le ba Molepolole.

A re kgwebo ya gagwe e a gola ka gore dikolobe di a ata ka e le nngwe fela e kgona go tsala dikolojwane di le masome a mabedi le bone.  Rre Matlho o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go rekisetsa batho le mabenkele gore kgwebo e tswelele e gole.

O boletse fa go le molemo go itirela ka diatla ka go le bogadi bo gaufi jalo a rotloetsa banana go ikemela ka dinao go dira ka diatla le go sola molemo mananeo a puso e thusang banana le Batswana ka one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Puisano

Date : 25 Nov 2014