Breaking News

Therisanyo mmammane mo bogosing

25 Nov 2014

E rile bosheng banni ba kgotla ya Rungwane kwa Moshupa ba baya kgosana e e atlholang Rre Motsholetsi Dilemogo mo setilong.

Dibui ka go farologana go balelwa Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa di mo gakolotse gore o tshwanetse a itse gore kgosi thothobolo e o lela matlakala mme e bile a tseye batho ba gagwe ka tekatekano go sa kgathalesege gore o ratiwa ke mang o ilwa ke mang mo gare ga bone.

Kgosi Mosielele o tlhalositse fa Rre Motsholetsi a tsaya maemo ao mo go rraagwe yo o sa tlholeng a tsoga sentle jalo a bolela fa bogosi bo sa tshwanela go lwelwa ka lesika la bogosi le itse motlhala wa jone.

O kgothaditse Kgosana Dilemogo go tsosolosa serudumo sa kgotla ya gagwe, go rerisane le morafe le go ba itsise ka diphuthego tse di tshwarwang kwa kgotleng kgolo ya Moshupa.  O boletse fa kgosi a tshwanetse go nna malala a laotswe nako tsotlhe e bile a sa tshwanela go tshaisa.

Kgosi Mosielele o tsweletse a re kgosi ga a tshwanela go nna loleme e bile o tshwanetse go tshwara diphiri tsa batho ka tekatekano.  O mo kgothaditse go ikgapha thata mo dipolotiking tsa diphathi. 

O mo rotloeditse go bereka le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makhanselara le morafe ka kakaretso. O tsweletse a mo gakololwa gore a seka a rekwa ka bojalwa e bile gape a se tsiediwe ke basetsanyana mme e bile a re o tshwanetse go apara sentle.  O boletse fa go nna kgosi ele boithaopo ka ba amogela madi a mannye fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Tiro ya peo ya kgosana

Date : 25 Nov 2014