Breaking News

Ditau faladitse morui

25 Nov 2014

Ditau di bolaile tsa bo tsa  ja bontlha bongwe jwa leruo la ga Rre Metheo Babeile kwa merakeng ya Sejosennye e e eleng  kwa bophirima jwa Tsabong.

Ditau tseo tse go bolelwang fa di ne di le pedi di tlhasetse dihutshane tsa ga Rre Babeile bosigo jwa letsatsi la Tshipi ka go tlhagela mo lesakeng mme tsa bolaya dihutshane di feta lekgolo le ditonki di le pedi.

Rre Babeile le badisa ba gagwe ba re ditau tseo di tlile fagare ga bosigo mme ba thantshiwa ke dintsa di bogola fa ditau tseo di tsena fa ba nnang teng pele ga di ya go bolaya dihutshane kwa masakeng. 

O tlhalositse gore tshenyo ya dibatana tseo e mo utlwisitse botlhoko mme e bile di mo humanegisitse ka jaana a ntse a itshetsa ka tsone ene le ba lelwapa la gagwe.

O tsweletse ka gore se se ngomolang pelo ke gore phimola keledi e puso e ntshang fa morui a senyeditswe ke dibatana e le kwa tlase fela thata le ntswa bone ba reka dihutshane ka madi a mantsi, a bolela fa  bontsi jwa dihutshane tse di suleng di ne di dusa.

A re puso e tshwanetse go netefatsa gore dingaka tse di tshwarang diphologolo ka go di idibatsa di nna gaufi le mafelo a a gaufi le a diphologolo gore ba kgone go nna ba ba thusa ka bonako, a re mo nakong eno ba thusiwa ke ngaka ele nngwe e e berekelang kwa Gaborone.

O tsweletse a kopa puso go aga terata e e kganelang diphologolo go tsamaela mo mafudisong a leruo. Fa a tswa la gagwe, modiri mo lephateng la diphologolo, Rre Julius Rakose o tlhalositse fa tiro ya mofuta o e sa tlwaelesega mo merakeng eo. 

A re go lebega ditau tseo di ne di tswa kwa lefelong la diphologolo le le sireleditsweng la DK 15 go bapa le la Mabuasehube, mme a re ka molao o sa letle gore di bolawe ba netefatsa gore ba di lelekela kwa di tshwanetseng go nna teng.

Rre Rakose a re phimola keledi  ke makgolo a mane le metso e metlhano ya dipula fela. O gakolotse morui o o wetsweng ke seru gore a netefatse gore o aga masaka a a thata a mapako go itsa dibatana go tlhagela. O tlhalositse fa ditau tse di senyeditseng Rre Babeile ele tse di tonanyana mme go lebega di ithuta go tsoma ka di sa gola thata.

A re dikgang tsa mohuta o di tlwaelesegile kwa motseng wa Khawa mme e nngwe  e ne ya diragala kwa motseng wa Kokotsha mme ba netefatsa gore ba busetsa ditau tseo kwa lefelong la diphologolo ka go di leleka ka dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 25 Nov 2014