Dilalome di tsieditse batho
24 Nov 2014
Ramapodisi wa Orapa, Superintendent Kabo Badirwang o tlhagisa setshaba ka manweenwee a a dirisang dinomoro tsa Aferika Borwa ba re ba na le khamphane ya Express International Hotel e e rulaganyetsang batho mesepele.
Supt Badirwang a re ga go itsiwe gore dilalome tseo di tsaya kae dinomoro tsa batho ba ba ba leletsang mme ba tsietsa batho ka go ba solofetsa go ba baakanyetsa mesepele ya itloso bodutu.
O tsweletse a tlhalosa fa batho bao ba kopa dinomoro tse di mo dikarateng tsa dibanka tsa batho ba ba ba tsietsang gore ba ba duelele mesepele ya bone ka nako mme morago ga metsotso ba sena go tsaya dinomoro tseo ba go ge madi a motho.
O tsweletse a re ba setse ba na le dikgang tse pedi tse mo go tsone batho ba tseetsweng P2 000 le P1 500 jalo a re fa go na le bangwe ba ba setseng ba ba neetse dinomoro tsa bone tsa dibanka ba itshwaranye le dibanka tseo go emisa tiriso ya dikarata tsa go nna jalo.
A re go nna thata gore ba kgone go tshwara dilalome tseo ka go dirwa go sena thulaganyo ya gore batho bao ba direla kae.
O kopile setshaba go ikela tlhoko mo go tsiediweng ka madi ka jaana nako e ya ngwaga o fela bogodu jwa madi bo nna kwa godimo. O gakolotse ba metshelo ya madi a a kgaoganngwang ngwaga o fela gore ba tshware madi sentle go fema dikgang tsa go utswetswa madi.
Mo go tse dingwe, Supt Badirwang a re le mororo go ne go na le moletlo o mogolo o mo go one kompone ya Debswana e neng e ipelela dingwaga tse di masome a mane le botlhano, ga ba a gatisa dikotsi dipe ka jaana ba ne ba ipapane go thibela ditiragalo tse di duleng mo tseleng.
Supt Badirwang a re ba ne ba hupisa bakgweetsi tami e e tlholang selekanyo sa bojalwa mo mmeleng ba le masome a mabedi le botlhano mme mo go bone ba ba fitlhetsweng ka selekanyo se se fetang se se beilweng ba ne ba le lesome, fa a le mongwe ene a ganne go hupisiwa tami, selo se a reng ke molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Tlhagiso ya mapodisi mo setshabeng
Date : 24 Nov 2014