Breaking News

Komiti ya Ditshegwane e thusa batlhoki

24 Nov 2014

Mo maitekong a go tsibogela ikuelo ya ga tautona ya go agela ba ba tlhokileng lesego le go ba neela seriti mo setshabeng, komiti ya ditlhabololo ya motse wa Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tshwaragane le morafe ba eme ka dinao go tlhabolola le go fetola matshelo a ba ba kobo di magetleng.

Mo puisanong bosheng, modulasetilo wa komiti eo, Mme Tshoganetso Lebuletswe o tlhalositse fa a lemogile fa go tlhoka bonno e le kgwetlho e e tshwenyang thata kwa motseng oo ka bangwe ba sena fa ba latsang tlhogo teng gotlhelele mme a supa fa maitlamo a bone e le go leka ka bojotlhe go tsholetsa matshelo a batho bao.

O kaile fa ba setse ba agetse batlhoki bangwe ba le babedi matlo mme mo nakong eno ba agela mo-na-le bogole ntlwana ya boitiketso le go feleletsa ntlo ya gagwe ya boroko, tse a supang fa a tla di abelwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

A re ba bone go tshwanela go tsibogela kgang ya bonno pele ka e le kononoko ka gonne motho o ka di tlhoka tsotlhe mme fa a na le fa a latsang tlhogo teng o ikutlwa e le motho mo setshabeng e bile a na le seriti.

Mme Lebuletswe a re toro ya bone e le maloko a komiti ke go bona bontsi jwa batlhoki ba na le fa ba latsang tlhogo teng ka jalo a supa fa tshwaragano le kemonokeng e e supiwang ke morafe e tla a ba thusa go fitlhelela toro ya bone.

O akgotse morafe go menagane, a kaya fa bangwe banana ba ba nang le botsipa jwa kago ba ithaopile go thusa go aga ntlwana eo ya boitiketso mme a bolela  fa mowa oo wa lorato o tlhokafala fela thata mo setshabeng ka kakaretso.

O tsweletse a supa fa ba thusiwa ke madi a khiriso ya matlo a komiti ya ditlhabololo jalo a leboga botlhe ba ba a  hirisitseng ka ba duela sentle e bile go na le tirisano mmogo magareng ga bone ntswa gone bangwe ba ba kileng ba hirisa matlo ao ba na le melala.

Mme Lebuletswe o tsweletse a supa fa ba ikaeletse go simolodisa lenaneo la go kopa dithuso mo dikomponeng tse di ikemetseng le mo bagwebing gore ba kgone ba tswelele ka go agela batlhoki ba bangwe ka jalo a ikuela mo go ba ba atlegileng go tsholetsa ba ba kobo di magetleng gore botshelo jwa bone bo tokafale.

Go ntse go le foo, Mme Lebuletswe o kaile fa ba lemoga e bile ba lebogela maiteko a puso a go namola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo le ntswa gone ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya go goroga ka bonya ga mananeo kwa motseng wa bone.

A re bontsi jwa morafe bo ikopetse mananeo ka dipalo tse di kwa godimo e bile bangwe ba atlegile mme fela go tsere lebaka gore ba abelwe dithuso. 

O ikuetse mo go ba ba maleba go tsibogela go ba thusa ka go dira jalo go ka thusa go fokotsa lehuma mo lefatsheng leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Puisano

Date : 24 Nov 2014