Tiriso ya motokwane e a tshwenya
24 Nov 2014
Ramapodisi wa Letlhakane, Superintendent Robert Mack, a re ba tshwenngwa ke tiriso le go tsamaisiwa ga motokwane mo go ileng magoletsa mo kgaolong ya gagwe.
Supt Mack o tlhalositse mo potsolotsong bosheng gore bontsi jwa batho ba ba fitlhelwang ka setlhatshana se ke Batswana ba go lebegang ba gweba ka sone gammogo le bakgweetsi ba dikoloi tsa megobagoba tse eleng tsone di se rwalang.
Mo go tse dingwe, Supt Mack o supile fa ba tshwenngwa gape ke go thujwa ga marekisetso mo Letlhakane segolo jang a dibara jalo a kopa beng ba marekisetso go tsenya itshireletso ya dialamo ka ditshipi tse di thibelang magodu go lebega jaanong di le motlhofo go senngwa.
O bile a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dikiteo tse di potlana tse di diragalang thata kwa merakeng go sena go nowa khadi le majalwa a mangwe a a dirwang mme a se ka fa molaong. Supt Mack o kopile batho go ikgapha mo dintweng le fa ba tlhokile kutlwisisano ka gore dikiteo le fa ele tse di potlana di kgona go baka loso.Supt Mack o tsweletse a kopa batho ba ba dirang majalwa go kopa tetla mo dikgosing tsa metse ya bone gore ba seka ba iphitlhela ba dira majalwa a a seng ka fa molaong.
Mo go tse dingwe, ramapodisi wa Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re ba tlhola beng ba mabenkele a a rekisang nama kgapetsakgapetsa go netefatsa gore ga ba rekise leruo la bogodu ka bogodu jwa leruo bo le kwa godimo mo kgaolong ya gagwe.
Supt Badirwang a re ba emisitse mokgwa o o neng o direga mo toropong ya Orapa o beng ba dikgomo ba neng ba di bolaya ba bo ba di rekisetsa babereki ba moepo wa Orapa ka dirwe, ka ga go ka fa molaong gonne dikgomo tsa teng di a bo di sa tlhatlhobiwa.
A re ba buile le bogogi jwa moepo wa Orapa go ba thusa go laola seemo seo gore batho ba je nama e e bolaetsweng kwa matlhabelong e bile e tlhatlhobilwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 24 Nov 2014