Botsogo jwa motho bo akaretsa se mowa
24 Nov 2014
Botsogo jwa motho ga go tewe jwa mmele fela mme go akarediwa le jwa mowa .
E rile a simolodisa letsatsi la botsogo kwa Ramotswa bosheng, Kgosi Mosadi a tlhalosa fa dithuto tsa botsogo di le botlhokwa ka jaana batho ba tla a anywa go le go ntsi mo ba sa go tlhaloganyeng mme ba go dirise go tokafatsa botsogo jwa bone.
O boletse fa go le botlhokwa gore badirelapuso ba kopanele ditiro di le dintsi le morafe jaaka go lwantsha borukutlhi mo kgaolong, bogolo jang ka e le bone ba ba amiwang ke go thubelwa matlo.
Mogolwane wa ofisi ya botsogo mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, Mme Tuelo Chibana o supile fa maikaelelo a letsatsi leo, e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa botsogo. Mme Tuelo a re fa batho ba le mo tirong ba na le go lebala go itlhatlhobela malwetse mme ba tsaya kgato fela fa ba lwala.
O rotloeditse botlhe go itlhatlhobela malwetse ka go farologana gore ba tle ba tseye kgato go sa le gale. E rile a ntsha molaetsa wa letsatsi, mogolwane go tswa kwa NACA, Rre Joseph Kefas a tlhalosa fa go kwadisitswe bana ba masiela ba le makgolo a mane le bone mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a bo a supa fa go na le balwetse ba ba okelwang mo malwapeng ba le lekgolo masome a roba bongwe le bone.
A re go gola ga bana ele masiela ga go a ba siamela. Rre Kefas o boletse fa balwetse ba le 3966 ba tsaya dipilisi tsa diritibatsi tsa HIV/AIDS mo kgaolong eo mme batho ba le 724 bone ba alafetswe malwetse a tlhakanelo dikobo.
O supile fa go itshidila mmele, go robala sentle, go ja dijo tse di siametseng botsogo, go nwa metsi a a phepa, go nna mo tikologong e e phepa le go fokotsa go tenega go le botlhokwa mo botsogong jwa motho.
Rre Kefas a re lelwapa ke selo se se botlhokwa ka jalo ga go na ngwana yo o eletsang go gola a sena batsadi mme e bile ga go na motsadi yo o eletsang go godisa ngwana yo o itaolang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 24 Nov 2014