Babereki ba abela House of Hope
24 Nov 2014
E rile bosheng babereki ba koporase ya motlakase ba lekalana la dithoto ba abela sekolo sa bana sa House of Hope dijo.
Fa a ntsha mpho eo mo boemong jwa badiri ka ene, Mme Onkutule Hlabano a re babereki bao ba kgobokantse madi gore ere ngwaga o fela ba abele mongwe yo o tlhokileng lesego mme ba itlhophela sekolo sa bana sa House of Hope.
A re mpho e, ga e tswe mo khamphaning mme e tswa mo dipateng tsa babereki ba maikaelelo a bone eleng go dira pharologanyo mo botshelong ja bana ba.
O tsweletse a re se, se supa fa babereki ba kgathala ka setshaba se ba berekang mo go sone mme e bile ba ikamantse le pilara nngwe ya tebelopele ya 2016 ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
A re keresemose ke nako e batho ba itumelang le ba malwapa a bone ka yone mme ba bone go le botlhokwa go ngathogana le sekolo seo dikatso tsa bone ka go ba rekela dijo.
Fa a amogela mpho eo, mogokaganyi wa sekolo seo Rre Laone van Vuuren a re sekolo sa gagwe se ka dira botoka ka tshwaragano ya sone le setshaba, a bo a supa fa maikaelelo a bone ele go gokela maranyane a dikhomphuthara go ruta bana go tlhabolola thuto ya bone ba sa le babotlana.
Mogolwane wa koporase eo, Mme Annah Moncho o lebogetse se badiri ba se dirileng, a bo a ba rotloetsa gore moono wa go aba o gole gore ba tswelele ba supa lerato.
Mo godimo ga dijo, bodiredi bo ile jwa penta lefelo le bana ba tshamekang mo go lone.
Fa a bua mo boemong jwa bogosi, Kgosi Molatedi Lebang o lebogetse lerato le kutlwelo botlhoko tse di supilweng ke bodiredi joo.
A re bontsi ja bana ba sekolo se ba tswa mo diemong tse di thata jalo ba tlhokana le kemonokeng gore e tsoge e nna baeteledipele ba motia. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 24 Nov 2014