Bomme ba rotloediwa go tlhagafalela temo
24 Nov 2014
Mogokaganyi wa mokgatlho wa Kgetsi ya Tsie, Mme Masego Mmipi o kopile bomme go tswelela ba lema ka dipalo tse di kwa godimo ka temo e le yone konokono mo go thuseng go tlhabolola botshelo ja Motswana.
E rile a bua mo moletlong o o neng o rulagantswe ke bomme ba balemi kwa Seolwane kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala bosheng, Mme Mmipi a re go a itumedisa go bona bomme ba lema ka dipalo tse di kwa godimo mo mafelong a a farologaneng ka go supa fa tota ba tlhaloganya gore mosadi ke ene thari ya setshaba.
O boletse gape gore bontsi jwa bomme ba lebanwe ke kgwetlho ya go godisa bana ba le nosi ka jalo temo ke yone e ka ba fokoletsang mokgweleo oo. Mme Mmipi o supile gore bontsi jwa malwapa a a atlegileng ke a batho ba ba saleng ba simolotse go tlhoafalela temo bogologolo.
O tsweletse ka gore temo ke selo se se botlhokwa thata ka gore fa e tsewa ka tlhoafalo ga go kitla go nna le ope yo o ka lalang ka tlala ka ntlha ya go tlhoka madi a go reka dijo. A re go lema ka tlhoafalo go ka thusa gape le puso gore e kgone go tsweledisa ditlhabololo ka e tla a bo e sa dirise madi a mantsi go thusa ba ba tlhokileng lesego.
Mme Mmipi o kopile bomme go tsosolosa tirisano mmogo e tshwana le motshelo le molaletsa a bo a ba rotloetsa go busetsa letlole mo tirisong. O ba gwetlhile go nna tlhaga le go abelana megopolo gonne dilo di dintsi tse motho a ka di dirang go tswa mo dijong tse di tswang kwa masimo.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Olebile Masego wa Palapye o akgoletse bomme go tsibogela temo. Le fa go ntse jalo, o rotloeditse borre gore le bone ba itsose, dipalo tsa bone di lepalepane le tsa bomme mo temong.
Kgosi Masego a re ke selo se sentle go leboga thobo ka e rile go le pele go ne go rapeletswe pula. A re Batswana ba tshwanetse go nna ba gakologelwa Modimo ka nako tsotlhe ka e le ene a laolang tsotlhe.
Kgosi o kopile banni ba Seolwane go dirisa mananeo otlhe a puso ka fa tshwanelong gore ba tle ba bone dithuso tse di tla a tokafatsang temo ya bone. O ba rotloeditse go itlhaganelela go tshwara bokgola ba pula e e sa tswang go na. Letsatsi leo gape le ne la natefisiwa ka metshameko e akaretsa koi, dikhwaere ga mmogo le masupatsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Moletlo wa bomme ba balemi
Date : 24 Nov 2014